Breaking News

Banana ba atla Tirelo Setshaba

09 Sep 2014

Banana ba le bantsi ba supa fa lenaneo la Tirelo Setshaba le farologane thata le la Ipelegeng.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Kebalebile Mboroma yo o dirang mo lenaneo leo, o supile fa a dirile thata mo Ipelegeng mme a ise a nne le kitso e e tshwanang le a e bonang mo Tirelo Setshaba.

Mme Mboroma o tlhalositse fa Ipelegeng e thusa fela ka madi le gone go leka go tlhabolola metse ya magae mme e sa thuse ka kitso e e ka reng mo isagong motho a  kgona go dira sengwe ka yone. 

A re Tirelo Setshaba yone e pharologano fela thata ka e kgona go fa monana kitso e e tletseng ka tiro e a e dirang ka gore nako tsotlhe ba a bo ba thusa batho ba ba farologaneng e bile ba dirisa diofisi tsa puso.

A re Tirelo Setshaba e neela motho seriti ka gore ba nna ba le phepha nako tsotlhe e bile ba kgona go lemoga gammogo le go tlhaloganya dilo tse dintsi tse di diragalang mo lefatsheng. 

O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo leo le fa monana sebaka sa go ithuta, go dirisa le go akola meamuso ya puso jaaka maranyane a inthanete le dibalamakgolo ka ba bo ba le mo diofising.

O tsweletse a supa fa lenaneo le, ele la maemo a kwa godimo fela thata, a tlatsa ka gore le tlhoka nako le tshekatsheko e e tseneletseng go tlhabolola banana le go ba tlhamela ditiro tsa sennela ruri. Le fa ntswa a leboga puso ka go ts

isa lenaneo leo ka banana ba kgaolo ya gagwe ba le itumeletse e bile ba dira ka bokgabane go leka go le sireletsa, o boletse fa mathata ele go ba duela morago ga nako gonne a re ba kgona go nna kgwedi tse tharo ba sa bone dituelo tsa bone mme seo se ba kgoba marapo fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : SHAKAWE

Event : Potsolotso

Date : 09 Sep 2014