Karowe o rotloetsa bophepa
09 Sep 2014
Mookamedi wa moepo wa Karowe, Rre Gerald Ndlovu o kopile banni ba Letlhakane go ba ema nokeng mo maitekong a bone a go phepafatsa tikologo ya motse oo.
Fa a bua kwa moletlong wa go phepafatsa tikologo o o neng o rulagantswe ke moepo wa Karowe ba o tshwaraganetse le khansele ya Letlhakane bosheng, Rre Ndlovu o boletse fa maikaelelo a bone ele go tsenya letsogo mo go phepafatseng motse o ba direlang mo go one mme ba ikaelela go dira se ngwaga le ngwaga gore banni ba felele ba bona mosola wa go phepafatsa tikologo ya bone.
O tsweletse a re banni ba motse wa Letlhakane ga ba gwetlege go phepafatsa tikologo ka ele palonyana fela e e tsayang karolo mo go tseneleleng tiro e, le fa gontse jalo a re se ga sena go ba kgoba marapo ka ba tla tswelela ba diragatsa maikaelelo a bone a go phepafatsa tikologo.
Rre Ndlovu a re setshaba se a farologana go na le ba ba tlhabisiwang ditlhong ke leswe le ba ba senang sepe le fa go le leswe mo tikologong ya bone, selo se se dirang gore maikaelelo a bone a seka a dira pharologanyo ka gore batho ga ba rutega.
A re e tla re fa ba re ba kgonne maitlamo a bone ba bo ba bona go na le batho ba le bantsi ba ba tsayang karolo mo go phepafatseng tikologo.
O kopile ba lekalana la tikologo la khansele go netefatsa gore ba diragatsa melawana ya tikologo gore batho ba kgone go e somarela.
E ne e rile gole pele a amogela baeng, kgosi wa motse wa Letlhakane, Rre Baruntshi Kegapetswe a kopa morafe go tsaya ka tlhoafalo ba moepo wa Karowe fa ba ba thusa go phepafatsa tikologo ka go ba ema nokeng gore le bone ba rotloetsege ba tle ba dire go feta fa.Mo moletlong o, go ne ga tshwarwa dikgaisano tsa thuso ya potlako tsa babereki ba moepo wa Karowe tse ba neng ba di dirisa go itlhokoletsa go ya go gaisana le meepo e mengwe.
Gone gape gona le dikgaisano tsa bophepa tsa dikgotla le tsa malwapa, mme kgotla ya Masulae ya tsaya maemo a ntlha ya atshiwa ka dikete tse tharo tsa dipula e latelelwa ke ya Letsibogo e e tsereng dikete tse pedi fa ya Mokgobelele Phase 2 yone e dule ka sekete. Lelwapa le le gaisitseng a mangwe mo kgotleng nngwe le nngwe le filwe didirisiwa tse di tlhagolang le setlankana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Moletlo wa go phepafatsa tikologo
Date : 09 Sep 2014