Khansele e lwantsha nnotagi
09 Sep 2014
Khansele ya Bobonong e boloditse letsholo la go tsamaya ntlo le ntlwana e ruta le go lemotsha banni ba motse oo ka bodiphatsa jwa dinotagi.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mogolwane mo ofising e e itebagantseng le tsa botsogo mo khanseleng potlana ya Bobirwa, Rre Mompati Parks Marole o supile fa majalwa a a itirelwang mo malwapeng jaaka sekhokho gammogo le a sekgoa a le borai fela thata mo matshelong a batho.
Rre Marole a re bagolo ba amega thata mo majalweng a a dirwang mo malwapeng go na le banana mme e bile o supile fa bomme le bone ba goga ditagi fela thata.
A re dinotagi di baka dintwa mo malwapeng segolo bogolo fagare ga mme le rre, mo godimo ga moo go baya bana ka fa mosing ka bangwe ba felela ba sa duelelwe madi a sekole fa bangwe bone ba ya sekoleng ka diaparo tse di leswe.
O tsweletse a re bontsi jwa ditlhalo, dipolaano le malwetsi di bakiwa ke dinotagi.
A re fa e sale ba simolola go ruta banni ba kgaolo eo ka bodiphatsa jwa dinotagi, go le bega maitsholo a batho a fetoga ka bangwe ba ba eletsang go di tlogela ba setse ba le kwa Arch and Mark Rehabilitation Centre kwa Motlhabaneng.
Fa a tswa la gagwe, mongwe wa baithaopi mo letsholong le le itebagantse le go lwantsha dinotagi mo Bobonong, Rre Rebaone Montlhe a re dipatlisisong tse ba setseng ba di dirile di supa fa go sena lebaka lepe le batho ba ka iphemelang ka lone gore ke eng ba dirisa dinotagi gonne bontsi bo bolela fa bo di dirisa ka gore ba batla go itlosa bodutu fela.
Rre Montlhe a re bojalwa bo nowa thata mo kgaolong ya Bobirwa mme o tlhalositse gore le fa ntswa Bobirwa e atlhame ka e agilwe ka dikgaolo di robabobedi, maikaelelo a bone ke go tsena ntlo le ntlwana go ruta batho ka borai jwa dinotagi.
O rotloeditse bana ba dikole go ikga
pa mo dinotaging ka gore di ka ba senyetsa bokamoso gammogo le go baya matshelo a bone mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 09 Sep 2014