Breaking News

Komiti ya Mokatse e gatetse pele

09 Sep 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokatse mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Itumeleng Phesudi a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng motse wa bone gonne e sale ba tlhophiwa go simolola tiro ngwaga o o fetileng ka Phatwe ga ba ise ba lebe kwa morago bogolo jang ka ba fitlhetse tema e segilwe ke komiti e e neng e tswa.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Phesudi o boletse fa ba ikemeseditse go dira gotlhe go rurifatsa gore ba dira thomo e ba e neetsweng ke morafe. 

A re komiti eo e na le matlo a ferabobedi a a hiriseditswe batho otlhe, mme seo se ba thusa go bona madi  gore ba tsweledise ditiro tse dingwe tsa komiti. 

O supile fa ntlo ya bofelo go agiwa ba dirisitse madi a a fetang dikete di le lekgolo mme e bile e setse e bone motho yo o nnang mo go yone.

O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go dira tshingwana ya merogo le go dira mafelo a bajanala ba ka a etelang, sebe sa phiri ke gore ba sale ba kopa ditsha tseo mo lephateng la kabo ditsha mme nako kgolo ke eno.

Modulasetilo a re ba tla a nna pelotelele go fitlhelela ba kabo-ditsha ba ba abela ditsha tseo gore ba simolole go dira madi go tlhabolola motse le kgaolo ya bone. 

O boletse gore mo motseng wa bone go na le letlapa le le ntle le batho ba ratang go itseela dinepe teng mme ba sale ba kopa tetla ya go le tlhabolola gore batho ba tseye dinepe sentle le gompieno ga ba ise ba bone phetolo. 

A re o kopa ba kabo-ditsha go tsibogela dikopo tsa bone ka bonako gore ba kgone go tswelela pele gonne go setse go le lebaka ba kopile ditsha tseo.

Le fa gontse jalo, Mme Phesudi a re e re le ntswa ba dira sentle fela thata, dikgwetlho di teng tse di ba itsang go dira bontle le go gaisa, jaaka letlhoko la madi bogolo jang fa ba lebile gore batho ka bontsi ba batla boroko. 

A re ba na le palo ya batho ba ka tshwara masome a mararo ba ba batlang boroko mme fa ba ne ba kgona ba ne ba tla aga matlo a le mantsi gore ba ba hirisetse

Mme Phesudi a re babereki ba ba nnang mo matlong a bone ba ba busetsa morago ka gore ga ba duele sentle ka ba kgona go tlodisa kgwedi mme ba sa utlwe mabaka a bone. 

A re mo nakong e e fetileng ba ne ba oketsa madi a go hirisa matlo mangwe a bone ba lebile ditshenyegelo tsa go a baakanya le gone gore ke a seemo se se botoka fela thata ka a na le dikamore tsa boroko di le pedi.

 O boletse fa bahirisi ba sa itumelela seo mme e sale ka Phukwi ba ise ba duele matlo ao mme a re le fa ba bua le bone ka kgang ya sekoloto ga go nko e e tswang lemina jalo a supa fa ba kopile thuso mo go mokhanselara go rarabolola kgang e.

O tsweletse a re ga se setho e bile ga go ba jese monate gore e re fa ba batla dituelo tsa matlo mo badirela pusong ba ba hirisitseng matlo a bone, ba bo ba sa ba buise sentle gonne maikaelelo a komiti ke go thusa bone pele ga botlhe gore tiro ya bone e nne motlhofo. Mme Phesudi o supile fa ba tla a tsaya kgato e nngwe go ya pele kwa go molaodi gore bothata jo bo rarabololwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Neo Mpete

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 09 Sep 2014