Makhanselara a leboga modulasetilo
09 Sep 2014
Makhanselara a kgaolo ya Palapye a lebogetse tirisano mmogo le modulasetilo wa bone, Rre Onneetse Ramogapi
Fa ba akgela mo puisanong ya modulasetilo bosheng, makhanselara ka bongwe ka bongwe ba lebogetse Rre Ramogapi go goga khansele ya Palapye mo lebakeng la dingwaga tse tlhano go sena dintwa.
Mothusa modulasetilo, Rre Montshisi Thabeng o lebogetse tirisano mmogo e a bolelang e ba kgontshitse go goga khansele ya Palapye.
Le fa go ntse jalo a re kgaolo ya Palapye e e akaretsang metse e masome mabedi le bosupa e santse e na le kgwetlho ya tlhaelo ya metsi ka jalo a gwetlha makhanselara a a tla tsenang morago ga ditlhopho go rarabolole seemo seo gore kgaolo e akole ditirelo tsa metsi fela jaaka metse e mengwe
Mokhanselara wa Serorome, Rre Tshokodiso Raboloko a re o leboga puso ka go tsisa ditlhabololo mo Palapye.
O tsweletse a re ntswa lefatshe leno le ne le amilwe ke kwelotlase ya itsholelo, motse wa Palapye o kgonne go akola ditlhabololo di tshwana le lefelo le le fetlhang motlakase la Morupule B le univesithi ya maranyane le tse dingwe.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa a le sebete se molangwana ka madirelo a digalase a a mo Palapye, a re ba Botswana Development Corporation ba tshwanetse go tla ka tharabololo gore kago ya madirelo ao e wele Batswana ba kgone go bona ditiro
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Mogapi, Rre Joseph Dintwa o lebogetse matlo a a agetsweng malwapa a a neng a amiwa ke dibetso tsa tlholego morago ga dipula tse di neng tsa gosomana ngogola.
Mokhanselara wa Diloro/Kgagodi, Mme Florah Emmanuel a re o lebogetse lenaneo la nyeletso lehuma, mme a kopa gore go tlhabololwe ka fa lenaneo la dihutshane le tsamaisiwang ka teng gonne o boletse fa mo kgaolong ya gagwe le sa tsamaisiwe sentle.
Mo godimo ga se, a re sekole se se botlana sa Diloro ga se ise se gokelelwe metsi a a bothitho ntswa go rekilwe didirisiwa tse di tlhokegang, jalo o kopile gore ba lephata la dikago ba dire tiro eo ka bofefo gore di dirisiwa tsa go nna jalo di seka tsa senyega di ise di dirisiwe mme puso e senyegetswe ke madi.
Mokhanselara wa Lecheng/Malaka, Rre Charles Mabjweng o lebogetse kgokelo ya motlakase kwa motseng wa Malaka mme a kopa khansele go baakanya tsela ya Malaka/Moremi ga mmogo le go dira motshelakgabo gore batho ba kgone go tshela noka ka nako tsa dipula.
Rre Dithapelo Tshotlego yo eleng mokhanselara yo o itlhophetsweng, ene o boletse fa motse wa Palapye o godile ka jalo khansele e tshwanelwa ke go itsamaisetsa ditiro tsa yone.
A re go botlhokwa gore Palapye e nne le mesele ya kgopo ya metsi gonne nako ya dipula motse oo ga o tsamaege.
Rre Kabo Ketshogile wa Lerala ene o lebogetse mananeo a puso jaaka Tirelo Setshaba le nyeletso lehuma gammogo le thulaganyo ya go baakanya tsela ya Sefhophe/Martinsdrift, e a reng ga e mo seemong se se eletsegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 09 Sep 2014