A bakgweetsi ba diterekere ba tlhongwe leitlho
08 Sep 2014
Banni ba Tsamaya mo kgaolong ya Tati Botlhaba ba re go botlhokwa gore bakgweetsi ba diterekere tse di lemelang balemi ba tlhomiwe leitlho go tlhomamisa gore ba dira tiro ya bone ka fa tshwanelong.
E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi kwa motseng oo bosheng, banni ba supa fa ba santse ba tshwenngwa ke beng ba diterekere dingwe ba ba lopang balemi madi a leokwane ba kaya fa ditshenyegelo tsa bone di le kwa godimo mme e bo e re morago ba duelwe gape ke puso ka lenaneo la ISPAAD.
Monni mongwe wa Tsamaya, Rre Samson Masole a re le ntswa puso e rotloetsa batho go inaakanya le temo e e tlhabolotsweng ya go lema ka ditselana, sebe sa phiri ke go bo didirisiwa tsa temo ya mothale oo di tlhaela.
Rre Chidzani Mbikiwa ene o boletse fa ba tshwenngwa ke go bo ba sa bone thuso e e nametsang kwa makalaneng a lephata la temo-thuo ka bodiredi bo kaya fa go na le tlhaelo ya dikoloi.
O kopile puso go tlhomamisa gore e okeletse lephata leo dikoloi gore bodiredi bo kgone go itepatepanya le dikgang tse di amang lephata leo bogolo jang tsa barui.
Fa a tswa la gagwe, Rre Molebatsi o kgadile mokgwa wa beng ba diterekere wa go lopa balemi madi mangwe kwa thoko le ntswa puso e itlamile go lemela batho mahala.
O gakolotse beng ba diterekere go lemela batho go ya ka go bapa ga masimo a bone go na le go ba lemela go ya ka fa ba ikwadisitseng ka teng.
Rre Molebatsi a re fa terekere e fetsa go lema mo masimong a a bapileng, ke gone e ka yang kwa go a mangwe a le one a bapileng, go itsa gore e nne e ya kwa le kwa tsatsi le letsatsi, e lema masimo a a katologaneng mo go felelang go baka gore ba nne le ditshenyegelo.
O tshepisitse banni ba motse oo fa puso e le mo thulaganyong ya gore mo nakong e e sa fediseng pelo e rutuntshe bakgweetsi ba diterekere tsa puso le tsa beng, fela o boletse fa a itumedisiwa ke go bo lenaneo la ISPAAD le thusitse lefatshe leno go oketsa dijo mo go bonalang.
Mothusa tona o tlhalositse gore mo pakeng eno ya temo, puso e tla lemela ba ba inaakanyang le temo ya go lema ka ditselana fela, a supa fa gape balemi ba tla a fiwa dipeo le go thusiwa ka tshefi e e bolayang mohero gonne go dira jalo go supagetse fa go ntsha maduo a a seng kana ka sepe.
Rre Molebatsi a re ka fa dipalo di supang lefatshe leno le oketsang dijo ka teng, puso e tla tshwanelwa ke gore jaanong e batle mebaraka ya ditsa temong di tshwana le mabele le mmidi kwa mafatsheng a sele. Mothusa tona o gwetlhile banni go inaakanya le thulaganyo ya go leletsa matona go itse botoka ka mananeo mangwe a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Sep 2014