BCP e batla Boteti Bophirima
08 Sep 2014
Batlhophi ba kgaolo ya Boteti Bophirima ba kopilwe go tlhopha Botswana Congress Party (BCP) ka ele yone fela e ka arabang dilelo tsa bone le go tsisa diphetogo mo matshelong a bone.
E rile a bua ka Matlhatso fa a rolela batlhophi ba kgaolo eo ntlhopheng wa bopalamente, Rre Tjiliga Letsholo le makhanselara a gagwe, Rre Gilson Saleshando a bolela fa Batswana ba ka tshepa phathi eo e bile batlhophi ba kgaolo ya Boteti Bophirima ele bone fela ba ka itseelang tshwetso ya go itlhophela moemedi yo o ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya bone.
Ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Mme Daisy Bathusi a re phathi ya BCP e rotloetsa bomme go emela ditlhopho e bile ke yone fela e nang le bomme ba bantsi ba ba emetseng ditlhopho.
O tsweletse a re mathata a bomme ke go inyatsa ntswa ba na le bokgoni e bile ele bone ba bantsi go feta borre.
E rile fa a tswa la gagwe, Rre Letsholo a re fa ba ka mo isa palamenteng o a go itebaganya le seemo sa metsi a a leswe mo kgaolong ya gagwe gammogo le tlhaelo ya metsi a a phepa .
Rre Letsholo a re BCP ke yone e kgathalang ka diteemane tsa Batswana tse di isiwang kwa mafatsheng a mangwe tse di ka bong di tlamela bana ba mono ditiro gammogo le dituelo tsa babereki tse di kwa tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 08 Sep 2014