Tshwaragano ya dikereke e botlhokwa - Motlhagodi
08 Sep 2014
Mookamedi wa lekgotla le le okametseng dikereke tsa semoya mo Botswana la Organization of African Instituted Churches, Rre Mookani Motlhagodi o kgothaditse diphuthego tsa dikereke tsa semoya tsa Serowe le metse e mabapi go nna seopo sengwe go lwantsha maitsholo a a sa eletsegeng segolo thata mo bananeng.
Mo bokopanong jwa dikereke tseo ka Matlhatso, Rre Motlhagodi o tlhalositse fa botlhoka tsebe, boimana jwa banana, borukutlhi, HIV/AIDS le tiriso botlhaswa ya nnotagi e le mangwe a matshwenyego a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba ka tsotlhe di le borai mo isagong ya lefatshe gonne di ama segolo bogolo banana.
A re fa dikereke di ka tshwaragana tsa ema ka dinao go ka nna motlhofo go hema mathata ao ka jaana popagano e tla ba fa nako ya go abelana dikitso le megopolo ka tse ba ka di kgonang go rarabolola matshwenyego a ba kopanang le one.
Rre Motlhagodi o tsweletse a tlhalosa fa lefatshe leno le tswa goo lowe le itsege ka kagiso le thokgamo ka jalo a kopa dikereke go tsaya matsapa go tsholetsa serodumo seo. A re dikereke di ka kgona go rotloetsa mowa wa setho mo baneng ka go simolodisa dikole tsa bana tsa Tshipi tse mo go tsone ba tla a ba rutang setho se se eletsegang le gone go ba tshedisetsa mo tumelong ya sekeresete.
Le fa go ntse jalo, mookamedi o kgadile fela thata go nna makgamu ga balatedi bangwe ba dikereke, a tlhalosa fa se se le borai fela thata ka e le nngwe tsela e e gogelang dikereke mo sekgweng mme di feletse di thubegile.
O ba kgothaditse go dirisanya sentle le bogogi jwa metse bo akaretsa dikgosi, makhanselara le balaodi ka a re ke bone ba ba tshwereng boikarabelo ja go tsamaisa metse. Go ntse go le foo, Rre Motlhagodi o kopile dikereke ka kakaretso go somarela tikologo gonne a re bophepa ke jone konokono ya botsogo jo bo itekanetseng.
E ne ya re a ntsha pego ya tekodiso ka seemo sa dikereke tsa Serowe le tikologo, Moruti Rosinah Samuel a supa fa bontsi jwa dikereke bo direla mo malwapeng ka ba lebanwe ke letlhoko le le kwa godimo la bonno jwa dikereke. O tsweletse a re ba tshwenngwa ke maloko mangwe a a gogang dinao go tsenelela diphuthego go tla go amogana dintlha tsa botlhokwa tse ba ka di godisang kereke.
Mokwaledi mogolo wa lekgotla la OAIC, Mme Lebogang Rasesigo o tlhalositse fa maikaelelo a lekgotla leo e le go aga tumelo ya sekeresete le go lemoga boleng teng jwa dikereke tsa semoya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya dikereke
Date : 08 Sep 2014