Breaking News

Batswana ba kopiwa go tsena diphuthego

08 Sep 2014

Batswana ba kopilwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka jaana go le botlhokwa go rerisana ka dikgang tse di amang motse le go utlwa ka mananeo a puso.

Kgosi ya Mokatse kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Mmileng o boletse fa a tshwenngwa ke gore Batswana ba ntse moriti o tsididi fa go tla mo go tseneng diphuthego tsa kgotla mme a supa fa seo se sa  siama gotlhelele.

A re Motswana o rile lefoko la kgosi le agelwa mosako e bile pilediwa e a lwela, se se supa fa go le botlhokwa gore botlhe ba tle phuthegong go sa kgathalesege gore e biditswe ke mang ka molaetsa o tla sologela setshaba molemo.

Kgosi Mmileng a re banni ba motse wa gagwe ba maoto a tshupa go tla diphuthegong mme a tlhalositse fa a lemogile gore selo se ke bolwetse jo bo wetseng Botswana ka kakaretso. O supile fa a leka ka bojotlhe go supetsa morafe wa gagwe botlhokwa jwa go tsena diphuthego mme a re o lemogile fa bogolo jang borre ba sa tle diphuthegong ka makatla-namane. 

O tsweletse  a re o swabile nko go feta molomo fa a sena go utlwa gore bangwe ba re ga ba kake ba tsena diphuthego ka jaana badirela puso ba ba buang le bone ba a bo ba dira madi fa bone ba sa boelwe ke sepe. 

A re ga a tlhaloganye gore ke eng batho ba bua jalo ka jaana badirela puso ba thapilwe gore ba ba direle le gone go buisana le bone ka tse di amang tsamaiso ya puso le ditshwanelo tsa bone e le Batswana. 

A re sebe sa phiri ke gore bontsi ja batho ba ba buang jalo ga ba kgathale ka matshelo a bone e bile ga ba rekegele bokamoso jwa bone ka jaana ba tlhola fela mo bojalweng ba sa dire tiro epe.

O supile gape fa gona le batho bangwe ba ba rekisang bojalwa ka dinako tse di sa letlelelweng e bile bangwe ba bo rekisa ka go tsenya batho mo ntlong mme go nowe go iphitlhilwe. 

A re selo seo  ke go tlola molao ka go dirilwe molao wa thekiso ya bojalwa, jalo a kopa ba ba dirang jalo go obamela molao le dinako tsa bojalwa. 

O tsweletse a kopa barekisi ba bojalwa go rekegela matshelo a ba ba rekang e seng go kgatlhegela go dira dipoelo fela ka matshelo a batho a felela a senyega.

O kgothaditse banni ba motse oo go emela matshelo a bone ka dinao le gone go bontsha bana tsela gore ba kgone go busa lefatshe ka kitso le tsamaiso e e nitameng mo isagong. 

A re le fa go ntse jalo, motse wa gagwe o na le kagiso le thokgamo le ntswa go seke go tlhoka maidi mme fela dilo di tsamaya sentle. A re le bone banana ba a iteka le fa gone ba sa ntse ba saletse kwa morago mo dilong di le dintsi mme o dumela gore mo tsamaong ya nako dilo di tla siama.

Kgosi o rotloeditse botlhe go emela dikgang tsa motse wa bone ka dinao le go dira mmogo gore ditlhabololo di seka tsa ba tlola le tsotlhe tse puso e eletsang go di dira di tsamaye ka thelelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 08 Sep 2014