Maitseo a fa seriti
08 Sep 2014
Banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba ba tlhaloseditswe gore maitseo a a eletsagang a fa motho seriti gongwe le gongwe fa a tsamayang teng e bile gape a tlhalosa le kwa motho a tswang teng.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Marea Mocheko yo o sa tswang go tsena thuto puisano e e neng e diretswe banana ba Tirelo setshaba ba metse e e okametsweng ke kgaolo potlana ya Mahalapye kwa Moeng bosheng, o boletse gore bagolwane ba ba kopile gore ba nne le boitshwaro jo bo eletsegang mo tirong gonne ba amogela dipego tse dintsi tsa banana ba ba boitseme.
Mme Mocheko yo o kaileng fa a direla kwa kgotleng ya Borotsi a re ba kopilwe go tsaya ditaelo dingwe le dingwe tse ba d i fiwang mo tirong ka lorato le tlotlo mme a tlhalosa fa ba rebotswe gore fa ba sa kgotsofale kgotsa ba bona okare ba a gatelelwa mo tirong, ba ba begele diemo tse ba mo go tsone ntle le poifo epe mme ba seka ba supa seo ka go tlhokela bangwe ka bone maitseo.
O rotloeditse banana ba bangwe go tsaya maiteko a puso ka tlhoafalo gore tema e bonale.
A re lenaneo la Tirelo Setshaba le mo thusa fela thata ka mo nakong eno a kgona go itirela se a se eletsang ka madi a gagwe a sa kope thuso ya ga ope, jalo a kgothatsa bangwe ka ene go dirisa madi a bone sentle mo dilong tse di ka ba sologelang molemo.
A re ga a itumediswe ke banana ba ba tsweletseng ka go tlogela ditiro tsa bone go ya go nna fela kwa malwapeng ka a re o ipotsa gore a ba ne ba sa ikakanya pele fa ba tsena mo lenaneong le.
O tsweletse a re o ipotsa gore a ba tlogediswa ke gore ga ba bone sengwe se ba neng ba se solofetse fa ba direlang teng.
Mme Mocheko o kopile puso go tsibogela go ba abela paka e ba tla a nnang ba e apara fa baya tirong jaaka ba ne ba solofeditswe.
O kopile gape gore dituelo tsa bone di tle ka nako e e beilweng e seng go tsaya nako e telele jaaka go e tle go diragale.
O supile fa thuto puisano eo e mo solegetse molemo thata ka e ne e le yone ya ntlha ba e tsena fa e sale ba simolola go direla setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 08 Sep 2014