Tlhaelo ya didirisiwa e dia kgokelo ya metsi
08 Sep 2014
Go bolelwa fa tlhaelo ya didirisiwa e dia kgokelo ya metsi mo malwapeng a banni ba ba setseng ba dueletse go gokelelwa metsi kwa Tswapong.
Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane mo ofising ya koporase ya metsi kwa Sefhare, Rre Simon Sentsho a re koporase e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa le bodiredi mo go sa ba itumediseng ka dipalo tsa banni ba ba letetseng go gokelelwa metsi mo malwapeng di le kwa godimo fela thata.
Le fa go ntse jalo, o kopile banni go nna pelotelele, a re e tla a re mo bogaufing ba simolole go gokela bontlha bongwe jwa dipompo mo malwapeng ka didirisiwa dingwe tse ba kgonneng go di reka bosheng, jalo a kopa banni go tswelela ka go duelela go gokelelwa metsi mo malwapeng.
A re selo se sengwe se se ba tshwenyang thata ke go senngwa ga dipompo tse di dirisiwang ke morafe ka di ba lopa go di baakanya ka didirisiwa tse disha jalo go ba turela. Rre Sentsho o kopile banni ba ba santseng ba dirisa dipompo tseo go di somarela go itsa tshenyego ya tsone.
A re ga ba na go baakanya pompo epe ya morafe e e sa agelelwang, ka jalo o rotloeditse banni go di agelela go itsa go senngwa ke leruo.
Monni wa kgotlana ya Mothonya kwa Sefhare, Mme Keamogetse Mokatane o boletse fa a sale a dueletse go gokelelwa metsi mo lwapeng ka Motsheganong mme a solofeditswe gore e tla a re ka Phukwi a bo a setse a tsenyeditswe metsi mme nako kgolo ke eno.
Mme Mokatane a re mo nakong eno o tshela botshelo jo bo bokete ja go ga metsi kgakala mme e bile a kgarametsa kiriba. A re pompo e a neng a ntse a ga metsi mo go yone go lebaka e senyegile mme le jaana ga e ise e baakanngwe le ntswa e ageletswe.
A re ga a itumediswe ke lebaka la gore ba koporase ya metsi ga ba ke ba mo lekodisa gore madiadia a bakwa ke eng. Mme Mokatane o kaile fa e le ene fela a tshelang a rwala ditlhako a ba latela kwa ofising ya bone go ya go botsa gore tota gatwe matsapa di a tsaya kae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 08 Sep 2014