Monana o itshetsa ka go loga
08 Sep 2014
Ka methale ya khumo e le mentsi, e tlhoka fela balatedi, Mme Gaoage Bohedile, monana yo o dingwaga di masome mararo le bongwe wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun, ga a ka a ipona tsapa go inaakaya le o a bonang o ka mo thusang go oba seatla, ka jaana o itshetsa ka go loga moriri.
Mo potsolotsong bosheng, a re o simolotse ka go bereka mo madirelong a meriri a le mmalwa mme morago a bona go tshwanela gore a itshimololele a eleng a gagwe ka madi a a neng a ntse a ipeela.
Gaoage a re o ne a hirisa lefelo mme a duela dikete tse pedi kgwedi le kgwedi, a tlhalosa fa a simolotse a na le badiri ba le babedi morago yo mongwe a tlogela mme ba sala ba le babedi. A re o itebagantse thata le go dira moriri wa ‘dread’ ka a re ke yone o nang le madi gape e bile e le one a o itseng thata go feta e mengwe.
Gaoage o tlhalositse fa batho ba kgatlhegela go bona tiro e a e dirang e mme e bile bangwe ba kgona go tswa bokgakala bo tshwana Gumare go tla go tshwarwa ka tlhogo, selo se a boletseng se mo itumedisa thata.
Mme Bohedile a re o ne a batlile go dira kopo ya madi a banana go atolosa kgwebo ya gagwe mme ka dingwaga tsa gagwe di sa mo letle, se, se ka se kgonege.
Le fa go ntse jalo, a re madi a bonang o kgona go tshetsa bana ba gagwe ba babedi ka one. Fa a tlhalosa, a re dikgwetlho tse a kopang le tsone ke madi a a kwa godimo a go hirisa, letlhoko la babereki le palo e e kwa tlase ya batho ba ba tlang go dira moriri fa gare ga kgwedi.
Mme Bohedile a re o batla go bona kgwebo ya gagwe e godile mme e bile e setse e aname le lefatshe lotlhe, a tlatsa ka gore le ene o batla go ipona a tseneletse ditshupo.
Gaoage o rotloeditse banana ka ene go ema ka dinao, go itirela ka diatla tsa bone le go tlogela go ikaega mo go borre, a re selo se se ka baya matshelo a bone mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : MAUN
Event : Polelo ka mogwebi
Date : 08 Sep 2014