Breaking News

Tiego ya didirisiwa e kgoreletsa lenaneo

08 Sep 2014

Kgosi Mabedi Motlhagodi wa Mokgenene o ikuetse ka dingwe tsa didirisiwa tse di tshwanetseng go thusa go namola Batswana mo lehumeng ka lenaneo la nyeletso lehuma, tse a reng di tla ka monokela.

Fa amogela mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso, Rre Gaotlhetse Matlhabaphiri kwa Mokgenene ka Labotlhano, Kgosi Motlhagodi o ne a tlhalosa fa a tshwenyegile thata mabapi le gore didirisiwa dingwe di paledisa tsamaiso e lolameng ka di tsaya nako e telele go goroga. 

O ne a re seo se busetsa morago maiteko a go nyeletsa lehuma bogolo jang mo go bone ba lehuma le ba aparetseng. 

A re o fitlhela dilo di tla di kgaokgaogane, se a boletseng e le poelo morago. Kgosi Motlhagodi a re bao ba ba mo lenaneong ba nna ba lebeletse tsela, mme dikarabo di tsaya lobaka go tla, mme e bile go sena tlhaloso epe e botoka.

Fa a lekodisa ka tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Pogisego Gaebonwe o ne a kopa gore go nne le mooki o belegisang mo kokelwaneng ya motse, a tlatsa ka gore le yone kokelwana k abo yone o tlhokana le go ka atolosiwa ka tota e le nnye. 

O ne a bua a sa kgwe mathe ka letlhoko la koloi ya puso mo motseng, a re moo go ba jesetsa mo kgobedung bogolo jang ka ba le kgakala le ditlamelo. 

A re go thata gore ba kokelo ba kgone go thusa molwetse o gateletsweng ka go sena koloi e ka thusang, a tlatsa ka gore seemo se se baka dintsho tsa tshoganetso tse di ka bong di ne di ka hemiwa. A re le fa ba tshwanetse go ya go batla ban aba ba ngwegang mo sekoleng go ba tsaya malatsi ka ba sena koloi, a bua jalo a kopa gore motse wa Mokgenene o fiwe koloi e tla dirisiwang thata ke bodirelapuso go fefosa tlhabologo ya motse wa bone.

Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Gaebonwe o ne a kopa gore kgotla ya bone e nne le ntlo ya go ka tshegetsa badira molato, a tlhalosa fa go ba paledisa tiro ka gore b aba tshwanetseng go tshegediwa ba felela ba tswa fela kana go sena kwa ba ka tshegetswang teng. Mothusatona Matlhabaphiri o ne a lekodisa morafe ka mananeo a nyeletso lehuma, dikgang tsa bana-le-bogole ga mmogo le bolwetse jwa HIV\AIDS.

E rile a kgwa morafe kgaba, Rre Matlhabaphiri o ne a dumelana le gore lephata le ntse le na le dikgwetlho tsa letlhoko la go isa didirisiwa le ditsompelo ka nako. A re ngwaga le ngwaga puso e abela lephata madi a kanang ka didikadike tse pedi tsa dipula go dirisiwa, a tlatsa ka gore mme jaanong ga a tlhaloganye gore madiadia a ka tswa a bakwa ke eng. O bile a re puso e tshwenyegile, mme ke ka moo badiri ba boipelego ba phatlaladitsweg go dira ditshekatsheko tsa batlhoki botlhe, ka moo a kopa gore batho ba thusiwe, mme e bile madi a ba abileng a seka a boa ka mabaka a sa tlhaloganyesegeng.

Fa a fa tlhaloso mabapi le dikokelwana, a re puso ene e tsere tshwetso ya gore di okediwe, mme kwelo tlase ya itsholelo lefatshe ka bophara e ne ya folodisa maiteko ao. Are maikaelelo a puso e ne e le gore kokelwana epe e bo e na le baoki ba le babedi go akaretsa le yo belegisang, a tlatsa ka gore se, se tla kgonega fela fa seemo sa itsholelo se sena go boela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Sep 2014