Breaking News

Metlhale ya khumo e mentsi...

08 Sep 2014

Mme Goleele Gabanakgang yo o dingwaga tse di masome a mane, wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare, ga a ipone tsapa mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. 

A re o tlhaloganya sentle fa metlhale ya khumo e le mentsi mme fela go laola botlhaga le lorato mo ditseleng tsotlhe tse motho a ka di tsayang go leka go latela methale eo.

Mme Gabanakgang o itlhalositse mo potsolotsong fa ene e le motho yo o filweng botsipa jo bontsi ke Modimo. A re e rile ka 2011 a ithekela matsela a a dirang ditjale mme a simolola go roka a bo a di rekisa. A re mme ka matsela ao a le turu, go ne ga mo ketefalela gore a tswelele sentle.

O ne a tlhalosa gore se se neng se dira gore kgwebo ya gagwe e goge ka thata le go feta ke gore o ne a dirisa madi a mantsi go tswa mo dipoelong a tshetsa lelwapa la gagwe ka one. 

A re o ne a seka a itlhoboga mme a reka diulu. Ka tsone di le tlhwatlhwa e e kwa tlase, a simolola go loga mebese a bo a e rekisa. 

O kaile fa a ne a tswelela ka go loga le go rekisa mebese, a tlhalosa fa mebese eo e rwalwa ke balatedi ba dikereke tse di farologanyeng le bana ba dikolo.

O ne a supa fa a ne a tswelela a kotlopisa kgwebo ya gagwe ya mebese. Le fa go ntse jalo, a re fela pelo e ne e eta e gadima kwa morago ka a ne a sa ntse a na le lorato la go roka ditjale gape bareki ba tshela ba mo tshwenya ka tsone.

“E rile ka lengwe la malatsi ke ntse ke e ja tlhogo, sengwe sa rothegela mo tlhaloganyong yame, ke ne ka bona go tshwanela gore ke tseye dilo tse batho ba tsayang gore ke matlakala ke di tsenye mo tirisong,” a tlhalosa.

Mme Gabanakgang a re mo nakong ya gompieno o inaakantse le go tsamaya a kopa dibata tsa matsela a mateise mo baroking. A re dibata tse o a di pataganya a bo a roka dibeke tsa bomme ka tsone. 

A re o leboga baroki bao go menagane ka ba sa mo lope sepe, ka gore tota ba ne ba tshela ba fisa dibata tseo. 

O supile fa dibeke tse a di dirang di kgatlha leitlho, a tlhalosa fa di rekwa jaaka dilekere. 

A re ka dinako tsa manyalo o kgona go bona theko e e nametsang ka jaana batho ba mo kopa gore a ba direle dibeke tse di tsamaelanang le kapari ya bone ya manyalo ka dipalo tse di ntsi. A re ditlhwatlhwa tsa dibeke tse di laolwa ke modiro, a tlhalosa fa dingwe di lopa P70.00, fa tse dingwe e le P100.00 le go feta.

A re jaanong o simolotse go dira madi a a botokanyana ka jalo o kgona go reka matsela a ditjale, a tlatsa ka gore kgwebo ya gagwe jaanong e ikaegile ka go dira ditsale, mebese le dibeke tsa mateise. 

Go ntse go le foo, a re o akgola baroki ba ba mo thusang ka dibata tsa mateise go menagane mme a supa fa a kgona go ba direla dibeke sesolo ele nngwe ya ditsela tsa go ba lebogela tirisanyo mmogo ya bone.

Mo kgwebong e ya gagwe, Mme Gabanakgang a re kgwetlho e e mo tshwenyang thata ke ya go itlhoboga ka bonako ga bareki. A re fa ba sa fitlhele se ba neng ba se batla ga ba mo fe sebaka sa gore a se ba direle, mme ba ye go batla go sele. 

O kaile fa ba boela kwa go ene fela fa ba setse ba itlhobogile ke gone ba kope gore a ba direle, mme a re seemo se, se felele se mo tsenya ka fa tlase ga kgatelelo ka a tlamega go berekela mo nakong le go tlogela tse dingwe tse a neng a setse simolotse go di dira.

“Moreki o kgona go tla a batla tjale, mmese kgotsa beke ya mmala mongwe mme fa a sa o fitlhele o fetela kwa pele mme bangwe ba kgona go boela gape kwa go nna fa ba tswa go tlhobosetswa ke baroki ba bangwe,” a tlhalosa jalo Mme Gabanakgang.

A re o batla go godisa kgwebo ya gagwe, ka jalo o sa ntse a emetse thuso ya ba boipelego.

Mme Gabanakgang a re fa a ka bona thuso, ga a ana go letla sepe go mo ema kwa pele.

 O supile fa mo nakong ya gompieno a sa ntse a direla fela mo lwapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : SEFHARE

Event : Polelo ka mogwebi

Date : 08 Sep 2014