Tona o akgola badirelapuso
07 Sep 2014
Tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu o akgoletse maphata a badirelapuso le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go bo ba ne ba tsibogela maitlamo a ga Tautona Lt. Gen. Seretse Khama Ian Khama a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela Rre Lesiela Nkemelang le ba lelwapa la gagwe ntlo ya bonno e e agilweng ke ba lephata la dikgolegelo kwa Machaneng, Mme Makgato-Malesu o boletse fa badirelapuso le dikhamphani ba dira puso motlotlo.
Ba lephata la dikgolegelo ba ne ba abela boora Nkemelang ntlo ya dikamore tse pedi tsa borobalo, kamore ya boapeelo, ya matlhapelo le ya boitiketso, tshingwana ya merogo le kgokelo ya metsi mo lwapeng. Ba ne gape ba tsenya terata mo lelwapeng la boora Nkemelang.
Mme Makgato-Malesu a re go na le dikompone le maphata a puso tse di sa iponeng tsapa mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
A re go a itumedisa go nna le bodirelapuso jo bo nang le bokao mo go tshegetseng le go tshela mananeo a puso le maitlamo a lefatshe.
Mme Makgato-Malesu a re go a supagala gore ba lephata la dikgolegelo ba tshela lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya tshaba e e lorato, e le kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.
O ne a lebogela maiteko a boeteledipele jwa lephata la dikgolegelo le bodiredi jwa lone a bo a ba kopa go tswelela ka mowa o montle wa go nathogana le Batswana ba bangwe ba ba tlhokang thuso bonyennyane jo ba segofaditsweng ka jone.
O ne a rotloetsa boora Nkemelang gore ba tlhokomele dimpho tse ba di abetsweng.
A re tshingwana ya morogo e ba e abetsweng e tshwanetse e nne yone e e ba tshedisang ka jalo go ka swabisa thata go bona e sa tlhokomelesege.
Tona Makgato-Malesu o ne a gwetlha botlhe go rotloetsega mme ba tsee malebela mo go se se dirilweng ke badiri ba kgolegelo ya Machaneng.
A re tshaba ya Botswana e tshwanetse e se ipone tsapa mme e tswelele ka go thusa ba bangwe go fitlhelela lehuma le fenngwa.
O ne a kopa morafe wa Machaneng go tshwaragana le badirelapuso go nna seopo sengwe go tlhabolola motse wa bone.
Mookamela badisa magolegwa kwa Machaneng Senior Superintendent Basupi Matshaba o ne a bolela fa ene le ba a ba eteletseng pele ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba felela ba dumalane gore ba thuse mongwe mo motseng ka go mo agela ntlo ya borobalo.
A re ba ne ba dira le ba boipelego go ba kopanya le yo letlhoko la gagwe le leng kwa godimo mme ba kgona go mo thusa.
O boletse fa dikompone ka go farologana ba ne ba ba thusa ka tse di farologaneng.
Kgosi Oteng Suping wa Sefhare o ne a kopa banni ba Machaneng go thusa ba ba kobo dikhutshwane.
A re tiro e e dirilweng ke ba dikgolegelo e tshwanetse e galalediwe ka ba file boora Nkemelang seriti le boleng jwa setho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MACHANENG
Event : Kabo ntlo
Date : 07 Sep 2014