Breaking News

Molao o tlaa thibela go utswiwa ga bana

07 Sep 2014

Puso ya lefatshe leno e tsile ka molao wa gore ngwana mongwe le mongwe yo o tlolang molelwane a bo a tshwere setlankana sa matsalo e le  tsela nngwe  ya go sireletsa bana ka go lemogilwe fa go utswiwa ga bone go ile magoletsa mo mafatsheng a mangwe.

E rile a bua mo phuthegong kwa Mabalane bosheng, Mme Onkabetse Matokwane go tswa kwa ofising ya tsa mesepele o tlhalositse gore pele ba ne ba tlhokana le mokwalo fela mme mo malatsing a, ba tlhoka mokwalo le moriti wa setlankana sa matsalo se se rurifaditsweng ke ba ofisi ya matsalo eseng mapodise. 

O tsweletse a re fa monna a tsamaya ka bana, mosadi ke ene a dirang mokwalo wa gore o letleletse monna go tsamaya ka bone, mme ngwana yo o dingwaga di lesome le borataro go ya kwa godimo ene o letlelelwa go tlola fela go sena mokwalo ope. 

Mme Matokwane o tsweletse a tlhalosa gore fa batsadi ba sa nyalana ga go na mokwalo ope o o tlhokegang mme ngwana o tshwanetse go tla ka setlankana sa matsalo ka nako eo.

O kopile setshaba go dirisana le bone sentle kwa melelwaneng ka gonne o bolela fa go setse go le makgetho a le mantsi ba gotlhagotlhana le batsadi ka kgang eo.

 Fa a tswa la gagwe, Rre Thabo Seipei go tswa kwa ofising ya ga molaodi o supile fa moono wa diphuthego tseo e le go tlisa le go tsibosa setshaba ka ditirelo tsa maphata a puso ka go farologana le go utlwa matshwenyego a bone.

Rre Seipei o tlhalositse fa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ka 2016 mme go solofelwa gore kgaolo nngwe le nngwe e nne le meletlo e e faphegileng.

A re batho ba ba tshotshweng ka 1966 ke bone ba ba di gogang kwa pele go baakanyetsa boipuso joo, a tlatsa ka gore bangwe ba dira bommabontle le borabontle go kokoanyetsa letsatsi leo madi.

O tlhalositse fa se e le phitlhelelo e kgolo ya lefatshe leno  jalo a kopa Bakgatla go ema ka dinao go ipaakanya nako e sale teng.

 Mo go tse dingwe, o supile fa go na le lenaneo la ditlhabololo la DDP 8 le mo go lone keletso ya puso eleng gore kgaolo nngwe le nngwe e tswe ka mananeo a a ka tlhabololang metse ya bone jalo a kopa dikomiti tse di mo metseng go kopana go tla ka mananeo a ba a tlhokang.

E ne ya re go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Simon Pilane wa Mmathobudukwane  a tlhalosa fa a tshwenngwa ke kapari ya badirela puso fa ba tsile diphuthegong mo kgotleng mme  a ba kopa gore mo nakong e e tlang ba apare jaaka Bakgatla e le tsela ya go tlotla kgotla le ngwao ya Sekgatla.

Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modula setilo Rre Mogorosi Dinne o lebogetse ntlo ya modisa dikago kwa sekoleng sa Mabalane le ntlwana ya boitiketso ya motlhoki mongwe mo motseng.

Le fa go ntse jalo, o kopile ba ofisi ya ga molaodi go bua le khansele gore e tsosolose sekole sa bananyana se a tlhalositseng fa se se mo seemong se se siameng. 

O kopile gape gore le kokelwana ya bone e baakanngwe ka a re seemo sa yone se tsenya matshelo a balwetsi mo kotsing.

Fa banni ba kgwa badirelapuso kgaba, Mme Doreen Motswagae o tlhalositse fa a kgaoletswe metsi ke ba koparase ya metsi.

A re o kile a amogela sekoloto sa metsi mme go sena le fa e le leina mo pampiring eo, a tlatsa ka gore o lekile go ikopanya le ba koparase eo mme nako kgolo ke eno jalo a kopa molaodi go mo thusa ka kgang eo.

Le fa go ntse jalo, Mme Pinkie Mositwane ene o lebogile badirela puso ka go tla go ba lekola mme a ba kopa go tswelela ba dira jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MABALANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Sep 2014