Breaking News

Nata e tla nna kgaolo potlana

07 Sep 2014

Mokwaledi wa kgaolo ya Legare, Rre Gaolathe Dipholo a re fa seemo sa madi se letla,  e tlaa re ngwaga o o tlang motse wa Nata o fetolwe go nna kgaolo-potlana.

Mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele, Rre Dipholo a re e re ka kgaolo ya Tutume e le bophara, ba bone go tshwanela go fa Nata maemo a ntlha go tlhongwa kgaolo-potlana go atametsa ditirelo kwa bathong.

 O tsweletse a supa fa motse wa Nata o tshwanelwa go ka tlhongwa ka o fa gare ga metse e mengwe e e mo kgaolong eo le dipalo tsa batho ba ba mo kgaolong eo di kwa godimo thata go ya ka dipalo tsa batho tsa 2011. A re mo nakong eno, Nata o santse a thusa batho e le service centre.

Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ishmael Mokgethi o supile fa a sa amogele mogopolo wa go godisa kgaolo eo, a re o kopa gore bogolo ba ka bo ba ne ba tsholetsa Tutume go nna kgaolo pele fa ba akanya go dira Nata kgaolo-potlana. 

A re gape se se tshwenyang thata ke gore  dikgaolo tseo fa di tlhongwa di ngatha didirisiwa le babereki mo kgaolong eo mme e sale e le letlotla.

Bangwe ba makhanselara ba ne ba kopa gore go fefogelwe kgang eo gore ba kgone go akola ditirelo ka ponyo ya leitlho.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Phillip Makale o lebogile mokwaledi gammogo le modulasetilo wa khansele ya Legare go bo ba tsisitse morero mo go bone pele, a re seo ke tshwanelo e bile ke  tlotlo go lemoga boleng jwa bone gore dikgang di simolole ka bone pele ga di ya kwa setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya khansele

Date : 07 Sep 2014