Morero ke konokono - Siele
07 Sep 2014
Tona ya dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele a re morero ke konokono mo dikgannyeng tse di amanang le matshelo a batho.
Rre Siele, yo o mo loetong lwa go tsaya megopolo mo bathong ka tsa molao o o laolang tsamaiso ya matimela, o buile jalo kwa Nata bosheng, a tlhalosa fa maikaelelo e le go rerisanya le setshaba ka fa ba ka baakanyang molao motheo o o amanang le tsamaiso ya leruo le le timetseng le go o tsenya ditsetlana dingwe gore o tsamaelane le nako eno.
O boletse fa khansele e na le kgwetlho e tona ka e tsere boikarabelo jwa go tlhokomela masiela, bagodi le masole a ntwa ya bobedi le one matimela tota.
A re tlhokomelo ya loruo ke kgwetlho thata ka le a tlamelwa, le sielwa metsi le melemo le gone go duela badisa ba ba le tlhokomelang fa le sa ntse le le ka fa tlase ga khansele.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa bogologolo dikgosi e ne e le tsone di fiwang boikarabelo jwa go phutha matimela le tsamaiso yotlhe ya one.
A re seo se ne sa fetoga morago ga lefatshe le sena go tsaya boipuso, ka jalo ga thaiwa melawana e e neng e laola tsamaiso ya matimela.
A re molao oo, o ntse o tla o baakanngwa.
O ne a supa fa molao o, o setse o siilwe ke nako e bile o tlhokana le go ka baakangwa gore o tsamaelane le dipaka tsa segompieno ka le ditlhwatlhwa di golela pele mme seo se ketefalele khansele go tlhokomela loruo loo.
Tona Siele a re ka megopolo ya bone ba ka kgona go tla ka ditsetlana tse di tlaa thusang go laola le go tsamaisa thulaganyo ya matimela.
Banni ba ne ba amogela mafoko a ga tona ka diatla tsoo pedi, bangwe ba re madi a go tshegetsa leruo kwa masakeng a matimela e nne P5 ka letsatsi go na le P2 yo o ntseng o lopiwa.
E re ntswa bangwe ba ne ba atla kgang eo, bangwe ba ne ba le bete se molangwana ka kgang ya gore kgomo ke letimela ntswa e na le tshipi.
Mongwe wa banni, Mme Dikakanyo Dilo, a re dikgomo tse di nang le ditshipi di ka bo di batlisiwa beng ba tsone ka maranyane, kwa ba kwadisitseng ditshipi tsa dikgomo tsa bone teng, ka go senoga sengwe le sengwe.
Mme Dilo a re kgomo ya letimela ke e e sa tshwaiwang e bile e sena tshipi, a gatelela ka gore kgomo e e nang le tshipi e batlisiwe mong wa yone.
Bontsi jwa batsena phuthego ba ile ba kopa gore khansele e tswelele ka tlhokomelo ya matimela.
Mme Leratamang Mmeke a re go isa kana go fetolela tsamaiso kwa lephateng le lengwe go tla ka dikgwetlho tse dintsi jaaka tse ba kopanang natso morago ga go sielwa metsi ke kompone ya metsi ya Water Utilities e tsaya mo go ba khansele, a tlatsa ka gore ga ba kake ba boela magaleng gabedi.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore ba letlelelwe go rekisetsa dikole tse dipotlana mo motseng thobo ya bone ya mabele.
Ba re mabele a a senyega fela ka ga go na mmaraka o ba rekisang kwa go one.
Tona o ile a ba tshephisa fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba maleba.
A re ba ntse ba na le thulaganyo ya gore dikole di reke letlhafula mo baleming ka nako ya letlhafula, mme a ba solefetsa fa kopo ya bone a tla e rolela mokwaledi wa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : NATA
Event : Loeto la ga tona
Date : 07 Sep 2014