Breaking News

Nyeletso lehuma ga se go tlontlolola ope

07 Sep 2014

Kgosi Gaabadzo Jackson wa Changate mo kgaolong potlana ya Tutume a re puso ya lefatshe leno e tsweletse ka go dira maiteko a go lwantsha lehuma la nta ya tlhogo ka mananeo a a farologaneng a a akaretsang la nyeletso lehuma, le go rotloetsa Batswana go itlhamela dikgwebo tse dipotlana.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Jackson a re bangwe Batswana ba ba amilweng ke lehuma go supa fa ba sa tsibogele mananeo a, fa bangwe ba ba filweng dithuso tsa mananeo a, ba sa di tlhokomele mo go nametsang ka mabaka a gore mananeo a a ba tlontlolola.

Kgosi Jackson a re go botlhokwa gore Batswana ba lemoge fa maikaelelo a mananeo a nyeletso lehuma e se go tlontlolola ope. A re mangwe mabaka a mananeo a ke go tlhabolola matshelo a ba ba amegang le gone go ba rotloetsa go itirela ka diatla.

Kgosi a re le fa itsholelo ya lefatshe leno e ise e itshetlele, puso e tsweletse ka go baya dikeletso tsa Batswana kwa pele e bile e dira ka natla go netefatsa gore mananeo a nyeletso lehuma a a tswelela, ka e tsweletse ka go a tokafatsa. 

Kgosi Jackson o tshwaetse fa go le botlhokwa go kopa thuso go na le go nna fela mo legoeleleng mo mang le mang a felelang a lemoga gore seemo mo lapeng ga se sone, a tlatsa ka gore Batswana ba tshwanetse go seka seka pharologanyo e mananeo a e a dirang mo matshelong a ba ba amegang go na le go eteletsa dikgang tse di ka ba kgobang marapo kwa pele.

Go sa le foo, Kgosi Jackson a re ga a itumedisiwe ke bangwe ba ba filweng mananeo mme jaanong ba a phuagantse. 

A re fa dikgwetlho tebang le mananeo di tlhagoga, ke sone sebaka sa gore ba eme ka dinao ba ikopanye le diofisi tse di maleba go ba thusa go di kakoba le gone go di rarabolola.

Kgosi Jackson o ne a gwetlha Batswana go tsaya mananeo a ka tlhoafalo, ka jaana a sa tlhabolole matshelo a ba ba tshelelang mo lehumeng fela. 

A re mananeo a fa a ka tsewa ka tlhoafalo a ka tlhamela Batswana ba bangwe mebereko gape a ka thusa go tswakanya itsholelo, le go rotloetsa batho go itirela, go na le go ikaega thata ka puso. 

O bile a akgola bommaboipelego ka ba tshwaragane le namane e tona ya go seka seka le go tlhopha batho ba ba ka tsayang mananeo le gone go netefatsa gore mananeo a goroga kwa setshabeng.

Kgosi o ne a ba kopa gore ba tswelele ka go rutuntsha Batswana ka mananeo a le mosola a one, e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza


Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Sep 2014