Boitshwaro jwa bana bo tshwenya batsadi
07 Sep 2014
Batsadi le badirelapuso ba Mathako mo kgaolong ya Legare ba tlhalosa fa ba sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane.
Mo thuto-puisanong e e neng e tsenwe ke bana ba ba dirang lekwalo la borataro le la botlhano gammogo le badirela puso kwa motseng oo bosheng, morutabana Mme Sarah Motladi a re fa bana ba santse ba le mo sekoleng se sebotlana ba itshwara sentle fela thata mme fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mokobeng le Moeng ba fetola boitshwaro.
O supile fa barutabana ba dikole tse dikgolwane tseo ba ba biletsa diphuthego gangwe le gape go ba bolelela ka masula a a dirwang ke bana ba bone.
A re tiriso ya ditagi, go tlhokela barutabana le baithuti ba bangwe maitseo ga mmogo le go ima ga basetsanyana ke dintlha dingwe tse go lelwang thata ka tsone segolo bogolo.
Mme Motladi o tlhalositse fa boitshwaro jo bo ama maduo a bana bao fela thata.
A re bontsi ja bone ba tswa mo sekoleng se sebotlana ka maduo a mantle mme ba boe kwa dikoleng tse dikgolwane ka maduo a a sa itumediseng fa bangwe bone ba felela ba tlogela sekole.
O rotloeditse bana ba dikole go gakologelwa malwapa a ba tswang mo go one dinako tsotlhe gammogo le go akanya ka fa ba ka a tokafatsang ka teng.
A re ga ba a tshwanela go raelesega motlhofo jalo a ba gwetlha go tsaya ditshwetso tse ba lemogang gore di tlaa ba solegela molemo.
Fa a mo tlatsa, Sergeant Makgekgenene Leano go tswa kwa ofising ya sepodise ya Machaneng e bile e le molomaganyi wa tsa twantsho borukhutlhi a re dipego tsa tiriso ya ditagi le didirisiwa tse di bogale di dintsi thata go tswa mo dikoleng tse dikgolwane tsa kgaolo eo mme ya motokwane yone e di goga kwa pele.
Rre Leano a re le ntswa boitshwaro jo go lebega bana ka bontsi ba bo simolola kwa dikoleng fa ba kopana le ba bangwe ba ba tswang kwa metseng e mengwe, ba setse ba lemogile gore le fa dikole di tswetse ba tsweledisa boitshwaro joo le kwa magaeng tota.
O kaile fa ba tshela ba phatlalatsa digongwana tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase fa gare ga bosigo mo godimo ga moo a re ba a tle ba kobe bangwe mo marekisetsong a dinotagi.
Rre Leano a re se sengwe gape se ba se lemogileng fa ba ntse ba tsamaya le metse bosigo ke marato a bana bao mme a ba rotloetsa go ikgethela tsela e e siameng ya botshelo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase.
A re ba ba sa kgonang go dira sentle mo dithutong tsa bone ga ba a tshwanela go phutha matsogo gonne seo se ka felela se ba gogela mo moweng o o maswe.
Rre Leano o ba gwetlhile go inaakanya le mananeo a a farologaneng a puso e a simolodisitseng go ba tlhamela ditiro.
Mokhanselara wa Chadibe/Borotsi, Rre Gabautwe Maboka a re o solofela gore bana ba ba neng ba tsene thuto-puisano eo ba tlaa tsaya tsela e e siameng jalo a ba rotloetsa go gasa molaetsa mo balekaneng ba bone kwa dikoleng.
O tlhalositse gore bana ba tshwanetse go simolola go nna le botho jo bo eletsegang ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase gore e nne baeteledipele ba ba nang le seriti mo isagong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto puisanyo
Date : 07 Sep 2014