Breaking News

Ga e golelwe e tlodisa melatswana

07 Sep 2014

Thuto ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho, ka e fa seriti, dikitso ka go farologana le maano a go ka rarabolola dikgwetlho dingwe tsa botshelo.

Mo letsomong la go itse le go tlhaloganya mosola wa thuto mo botshelong jwa motho, bagodi bangwe kwa motseng wa Tutume mo kgotleng ya Magapatona ba ne ba ikitaya ka thupana go ikopanya le ofisi ya thuto ga e golelwe go itse botoka ka lenaneo la thuto aa e golelwe. 

Mme Nnani Mbaiwa yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro le Mme Masetlhare Mabutho yo o dingwaga tse di masome a robangbobedi le bosupa, ba supa fa ba itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo gape e dirile pharologanyo mo matshelong a bone.

Mme Mbaiwa a re o simolotse go tsena dithuto tsa ‘Ga e golelwe’ ngwaga o o fetileng, mme mo nakong eno o dira lokwalo lwa bobedi. 

Mme Mbaiwa a re thuto ga e golelwe e fetotse botshelo jwa gagwe ka jaana lesedinyana le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe ka o setse a itse go bala le go kwala. 

A re pele a ya Ga e golelwe, o ne a tshela ka go nna a raletse motse, sephiri sa lwapa la gagwe se itsewe ke mang le mang, ka jaana e ne e re bana ba mo kwaletse a kope go balelwa le gone go fetola mokwalo.

 Mme Mbaiwa o bile a supa fa a setse a na le bokgoni jwa go ipalela ditaelo tsa ngaka ntle le thuso epe.

A re o setse a simolotse go lema le go rekisa morogo go itshetsa ka jaana o setse a itemogela go le gontsi. 

Maikaelelo a ga Mme Mbaiwa ke go ipona a weditse lokwalo lwa bosupa e bile a kgona go bala sekgoa.

Mo ntlheng e nngwe, Mme Mabutho le ene o supile fa Ga e golelwe e mo ntshitse mo lefifing le a neng a le mo go lone, a re o setse a kgona go itshaenela fa a tsaya madi a bagodi. 

Mme Mabutho a re sekole le sone se na le dikgwetlho bogolo jang motho a se tsena a godile, a tlatsa ka gore fela o ne a ikitaya sehuba gore go se nne sepe se se mo kgopakgopang mo dithutong.

A re se se mo itumedisang ke gore dithuto tsa Ga e golelwe di simolola motshegare, ka jalo, se, se fa motho sebaka sa gore a dire ditiro tse dingwe tsa mo lapeng. Gape a re dithuto tse di tsenwa ke bontsi jwa bagolo, sengwe se a reng se ne sa mo tiisa mooko.

Mme Mabutho a re nako e tsile ya gore bagolo ba eme ka dinao go amogela lesedi la go bala le go kwala ka jaana botshelo jwa malatsi a, bo tlhoka thuto. 

A re letshego la tebelopele ya setshaba la ngwaga wa 2016 la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, le raya gore ka nako eo bagolo le bone ba bo ba na le kitso e e maleba.

Go sale foo, Mme Mabutho a re se se mo kgatlhang ka Ga e golelwe ke gore ga ba rute go kwala le go bala fela. 

A re morago ga dithuto ba rutwa go loga ditlatlana, go roka le ditiro tse dingwe tsa matsogo tse ka tsone ba ka ipulelang dikgwebo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza


Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 07 Sep 2014