Batsadi ba rotloediwa go emela bana ka dinao
07 Sep 2014
Batsadi ba kopile go emela bana ba bone ka dinao go itsa gore ba tlhakanele dikobo ba sale ba botlana.
Fa a tlhalosa mo thapedisong kwa sekoleng se sebotlana sa Omaweneno, moruti wa kereke ya Bethlehem City of Christ in Haven (BCCH) e bile e le mokhanselara wa Omaweneno, Kisa le Maralaleng, Mme Elizabeth Ntwaetsile a re go lemosega fa bana ba tlhakanela dikobo ba sale ba botlana mme se se ba tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke HIV/AIDS gammogo le boimana jo bo sa ipaakanyediwang.
Mme Ntwaetsile a re maduo a supa fa seemo sa boimana le mogare wa HIV /AIDS mo baneng se ile magoletsa mme a tlhalosa fa se se ka tswa se bakiwa ke gore ba tlhakanela dikobo ka bo bone kana bangwe ba dirisiwa ke bagolo.
O tlhalosa fa seemo se amile bana go simolola ka dikole tse di potlana go ya kwa go tse dikgolwane ka ba lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole ka ntlha ya boimana di le kwa godimo.
Molaodi wa Tsabong, Mme Peggy Kutlase o supile fa seemo sa boimana jwa bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa se ile magoletsa fela thata.
A re mo setlheng seno go gatisitswe dikgang tsa boimana jwa bana di le lesome le boferabobedi go simolola ka Moranang go fitlhela ka Seetebosigo.
Mme Kutlase a re dikgang tsa bana ba ba tlogelang sekole tsone go gatisitswe di le masome a mabedi le bosupa, mme mo go tsone tse di masome a mabedi ke tsa bana ba motse wa Kokotsha.
A re se se dirwa ke gore batsadi ba metse e e bapileng le dipolase e akaretsa Kokotsha , Werda le Hereford ba bereka mo dipolaseng jalo bana ba tlogela sekole go ba latela mme borre ba fitlhe ba ba dirise mo go tsa tlhakanelo dikobo ka bone ba bona basadi e seng bana ba sekole.
Mme Kutlase a re bana ba ba amegang thata ke ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro.
A re le ntswa dikgang tsa boimana jwa bana dile kwa godimo dingwe ga di begelwe ba sepodise ka gonne go gatisitswe dikgang dile pedi fela tsa go dirisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase.
Mokhanselara o supile gape fa bana ba tsamaya dibara ba sale bannye mme a re o ipotsa gore fa go diragala jaana batsadi ba a bo bale fa kae, a tlhalosa fa selo seo ele go tlhoka boikarabelo ga batsadi.
Mme Ntwaetsile a re ditiro tse di sa amogelesegeng tse di diragala fela mo matlhong a batsadi bangwe mme ba seke ba begele ope ka jalo a supa fa le bone ba le molato fela jaaka ba ba tlhakanelang dikobo le bana.
O kopile setshaba kakaretso go nna le seabe mo go sireletseng bana ka ele bone bagogi ba lefatshe leno ba kamoso.
Mokhanselara a re batho ba supa puso ka monwana fa maduo a thuto a wela tlase ntswa ele bone ba ba rotloetsang seemo se.
A re go tlhakanela dikobo le bana ba sekole go senya lenaneo la bone la go ithuta ka se se dira gore ba nne ba akantse tse di ba diragalelang.
O boletse fa go na le menahune ya gore go nale mowa wa bo Satane o o setseng o o jwelelang mo baithuting ka jalo a rotloetsa setshaba go ikela tlhoko fela thata gore ba seka ba felela ba amilwe ke se. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : TSABONG
Event : Moletlo wa thapelo
Date : 07 Sep 2014