Breaking News

BotswanaPost Foundation e abela Ghanzi Day Care

07 Sep 2014

Lekalana la BotswanaPost Foundation le simolodisitse semmuso komiti ya corporate social responsibility ya lekalana la kgaolo ya Lobatse/Kgalagadi ka go abela bana ba sekole se sebotlana sa Ghanzi Day Care dimpho tse di akaretsang dibuka le dilwana tsa itloso bodutu.

Mogolwane wa poso ya Ghanzi, Mme Caroline Themba a re maikaelelo a mokgatlho o ke go busetsa bontlha jwa dipoelo tsa bone mo setshabeng.

A re mokgatlho o, o tlaabo o itebagantse le kgaolo ya Ghanzi ka e rile mo ngwageng o o fetileng lekalana la diposo la simolodisa Botswana Post Foundation kwa motseng Kacgae, e e itebagantseng le Botswana ka bophara. 

Mme Themba a re mokgatlho o, o tlaabo o itebagantse le Batswana mo kgaolong ya Ghanzi, ba ba tla akolang dipoelo tsa poso ya bone ka e le bone ba ba rekelang. 

A re se, se fa bodiredi jwa BotswanaPost sebaka sa go nna le seabe le go tsaya karolo mo ditirong tsa metse e ba nnang mo go yone e bile gape ba direla mo go yone. 

A re e rile ba ntse ba tsamaya le motse ba lemoga letlhoko la sekole se, e bile ba gwetlhiwa thata ke gore sekole se se tsamaisiwa ke bomme fela ba lekgotla Botswana Council of Women.Moeteledipele wa diposo, Rre Pele Moleta, a re ba leba thuto e le botlhokwa. 

A re ba tsere sekole se sebotlana sa Kacgae ka lenaneo la ga tautona la Adopt a School, go se thusa go tokafatsa maduo, mme gompieno ba abela sekole sa bana sa Ghanzi Day Care e le tsela ya go supa fa thuto e le botlhokwa, e batla go tlhoafalelwa. 

Rre Moleta a re thuto e tlhoka go tshwaraganelwa ke bana-le-seabe botlhe, a bua jalo a rotloetsa bodiredi jwa poso go tsena mo setshabeng le go inaakanya le dikomiti tse di mo motseng gore ba itse matlhoki a bone. 

A re batsadi ba rotloetse bana, le go ba akaretse mo ditirong gore bana ba gole ba na le boikarabelo. Rre Moleta a re lekalana la Botswana Post Foundation le remeletse mo go kopanyeng setshaba, thuto le botaki.

Rre Moleta a re o lebogela seabe sa bomme mo go simolodiseng sekole se, a tlatsa ka go supa fa se ele maiteko a matona a a tlhokang go rotloediwa gore kgodiso ya bana e nne e e siameng. 

A re lekalana le la poso le batla go bona letshego la tebelopele ya setshaba la ‘tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso’ le atlegile; ke sone se ba boneng gole botlhokwa gore ba tshwaraganele dikole le puso, e le tsela ya go tlhabolola maduo le thuto ya bana.

Modulasetilo wa kgaolo ya Ghanzi wa lekgotla la Botswana Council of Women a re ba lebogela kemonokeng ya BotswanaPost Foundation go bo ba ba file dimpho tse a reng di tlaa ba thusa mo tsamaisong ya sekole le mo kgodisong ya bana. 

A re sekole se, se tswa kgakala se tsamaisiwa ke bomme ba ba ithaopileng ba mokgatlho wa Botswana Council of Women, se sena di dirisiwa, a tlatsa ka gore selelo sa bone se arabesegile ka dimpho tse di tswang kwa Botswana Post. 

A re bagwebi le maphata a mangwe a puso ba nne le seabe go ba thusa go godisa sekole ka bomme ba se kake ba kgona ba le nosi. A re le ntswa mokgatlho o, o bidiwa Botswana Council of Women le borre ba letlelesega go nna le seabe mo go one.

Mme Mosaise a re mokgatlho o, o lwela ditshwanelo tsa bomme gore go nne le tekatekano fag are ga bomme le borre. A re o ruta bomme go itirela ka diatla ba sa lebelela seemo sa thuto ya bone. 

Mme Rose Mosaise a re o lebogela kemonokeng ya khansele ya Ghanzi ka dithuso di akaretsa go gokela diphaephe tsa kgopo ya metsi a a leswe.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Kabo dimpho

Date : 07 Sep 2014