Mosadi o shetse mo ntlong
04 Sep 2014
Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa kgotla ya Bontleng kwa Tsabong o fitlhetswe a shetse mo ntlong ya Setswana e a neng a robetse mo go yone.
Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Kabelano Tebogo, tiragalo e, e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mararo, ka matlhatso, ka nako ya lesome le bobedi bosigogare.
Assistant Superintendent Tebogo a re ba ne ba ragosetsa mme yoo kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
Rre Tebogo o kaile fa go belaesega fa moswi a ne a dirisitse kerese go bonesa mo ntlong, mme ka bomadimabe ya kapa dilwana dingwe mo ntlong. O ne a tlhalosa gape fa ba ise ba tlhomamise tlhwatlhwa ya dilwana tse di jelweng ke molelo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno serepa se isitswe kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone go tlhatlhobiwa ke ba bongaka, fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di sa ntse di tsweletse.
Assistant Superintendent Tebogo o ne a gakolola setshaba go ela tlhoko ka fa ba dirisang mabone a parafini le dikerese ka teng, go itsa tiragalo tsa mofuta o go ipoeletsa. BOKHUTLO
Source : BOABOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2014