Letshogo mmaba yo mogolo wa bomme
04 Sep 2014
Bomme ba ba emetseng ditlhopho tsa bokhanselara ba kgaolo ya Legare ba kopilwe go tlogela mowa wa go inyenyefatsa le go sa tlotlaneng.
Fa a bua kwa bokopanong jo bo rulagantsweng ke ba lekgotla la merero ya bong, raboipelego yo o lebaganeng le itshidilo maikutlo le go suga tlhaloganyo ya motho, Rre Kgomotso Jongman o tlhalositse fa letshogo e le mmaba mo go bomme, segolo jang fa ba emetse ditlhopho.
A re gape bomme ba ipona e se ba sepe, e bile ba ka seke ba kgona tiro ya sepolotiki fa ba ipapisa le borre. O ba kgothaditse go supa fa ele digatlhamela masisi ka jalo ba ka dira go utlwala fela fa ba ka tswa mo letshogong.
Rre Jongman a re go botlhokwa gore bontlhopheng ba itse go buisana le setshaba le gore go tlhokega eng fa ba buisana le sone gore se ba tlhaloganye segolo jang ka nako ya ipapatso.
A re bomme ba tshwanetse go supa bokgoni ja gore ba ka etelela pele e bile ba na le kitso le tebelopele ya gore ba tswelela pele jang.
O tsweletse a tlhalosa gore fa ba ipapatsa ba tshwanetse gore ba seka ba ikgama ka setoropo ba solofetsa batlhophi magodimo mme ba tlhophe ditiro tse ba bonang fa ba ka di wetsa fa ba tlhophiwa.
O ba gakolotse go inaakanya le batho ba ba ka ba thusang go tlhabolola kgaolo go na le go baya fela mo pusong. A re moeteledi pele ke motho yo o nang le tebelopele ya go dira dilo ka botho le therisano le ba a ba emetseng.
Rre Jongman a re banana ga ba na nako ya go tsena diphuthego tsa kgotla, mme bone ele bontlhopheng ba ka ipapatsa ka boranyane jwa segompieno jaaka Facebook, Twitter eseng jalo ga bana go bona tlhopho ya bone.
E ne e rile gole pele, Mme Gomolemo Rasesigo, mookamela lekgotla la bong mono Botswana a tlhalosa fa maikaelelo magolo a bone ele go tiisa bomme moko segolo jang ka nako e ba ipapaletsang ditlhopho gammogo le go ba ruta go bua le setshaba sentle le go tswa mo dipolotiking tsa matlhapa le ditshele.
Mme Rasisego a re bong ke tekatekano ya mosadi le monna, ke ka moo ba fiwang marapo ka tekatekano, a tlhalosa gore mo lefatsheng leno go eme bomme ba le lesome le bone fela mo maemong a bopalamente mo dikgaolong dile 57.
Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Masego Olebile o supile bomme ka monwana a re ga ba tlhophane ka ba eteleditse lefufa pele le ntswa ba le palo ntsi. A re go sa emaneng nokeng ga bone go ba busetsa kwa morago fela thata.
O lebogile thata tsamaiso e e rulagantsweng ke puso ya puisano mo diromamoweng le mo thelebishining, a supa fa ele tiro e ntle ka jaana baya go tlhopha ba itse motho sentle e bile ba ba tlhaloganya botoka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Bokopano
Date : 04 Sep 2014