Kgwebo e tlhoka bopelotelele
04 Sep 2014
Batsena ithutuntsho tsa kgwebo ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba kopilwe go tsaya dikgwebo tsa bone ka tlhwaafalo.
Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa komiti ya khansele potlana ya Letlhakeng ya thuto, botsogo le matshelo a batho, Rre Tshepiso Lesope.
Mokhanselara Lesope o supile fa kgwebo e tlhoka boineelo le bothakga go busa dipoelo. O supile fa khansele e ntshitse mogopolo wa gore ba tla thusa botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ka go reka mo go bone.
O ne a tswelela ka go supa fa mananeo a nyeletso lehuma e le one a ka thusang go ogola banni ba kgaolo potlana ya Letlhakeng mo lehumeng la nta ya tlhogo, a tlhalosa fa e bile puso e okeditse madi a dithuso tsa nyeletso lehuma go ya kwa go P15 000.00.
Rre Lesope o ne a supa fa a tshwenngwa ke batho ba ba phuaganyang dikgwebo ka go baya fela mo pusong. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a itumeletse go bo ba boipelego ba akareditse baithuti ba bantsi ba metse e kwa tenyanateng.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Letlhakeng Bokone, Rre Rahim Batshwaregi, o ne a gwetlha batsena dithuto tseo go tsaya tse ba di rutilweng tsia, a bo a ba gakolola gore ba godise dikgwebo tsa bone ntleng le go baya mo pusong fela.
O ne a supa fa kgwebo e na le dikgwetlho mme motho a ka tswelela kana a gola ka go ithuta mo go tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Sep 2014