Sepodisi sa Takatokwane se tshwaragane le morafe
04 Sep 2014
Sepodisi sa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng se akgoletse morafe wa motse oo tshwaragano le tirisano mmogo mo ntweng kgatlhanong le borukutlhi ka bo fokotsegile fela thata.
Mo puisanong bosheng, mogolwane wa mapodisi a motse oo, Superintendent Ocean Maraganyane a re ba itumedisiwa ke kemonokeng e morafe o e supang ka e ntsha maduo a mantle fela thata.
A re ntswa gone go na le dikgang dingwe tse di ba tshwenyang e le ba sepodisi mme gone banni ba tsweletse ka go supa boikarabelo ka nako tsotlhe ka go netefatsa gore ba ikgapha mo dikgannyeng tsa borukutlhi le gone go supa boitshwaro jo bontle nako tsotlhe.
Superintendent Maraganyane o lebogile go menagane morafe ka kakaretso segolo jang dikgosi go bo ba dirisana le bone sentle, mme a supa fa mowa o, o tlhokafala mo setshabeng sotlhe ka kakaretso.
A re kgang ya borukutlhi e tlhoka go tshwaraganelwa ke morafe le ba sepodisi, ka jalo a gwetlha banni go tswelela ka mowa wa tshwaragano ka nako tsotlhe gore motse wa bone o tswelele go nna mo thitibalong.
A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna ka pabalesego a sa tshwenngwe ke sepe mme seo se ka kgonagala fela fa go na le tshwaragano.
A re go supa maitsholo a mantle ga morafe go fa motse seriti le go tlotlomatsa leina la one. O kgothaditse banni go bega dikgang dipe fela tsa borukutlhi di akaretsa matshosetsi a polao ka nako tsotlhe le gone go inaakanya le mananeo a twantsho borukutlhi.
O ba gakolotse go ikgapha mo go rekeng dithoto tsa bogodu, ka e le nngwe tsela e e rotloetsang go golela pele ga borukutlhi ka jaana magodu a bona mmaraka.
Go ntse go le foo, Superintendent Maraganyane o iteetse legofi mapodisi a baithaopi, a tlhalosa fa ba dira tiro e ntle fela thata gonne ba tshwaragane le ofisi ya bone go thusa go lwantsha borukutlhi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2014