Breaking News

Bosele Hotel e ipelela letlhafula

04 Sep 2014

Otele ya Cresta Bosele mo Selebi Phikwe e ne e tshwere letsatsi la go ipelela letlhafula kwa Annes Adams Park.

Maikaelelo ene ele go rekisa dijo tsa setso go dira madi a ka one ba batlang go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le go rotloetsa Batswana go ja dijo tsa setso.

Mme Masego Masunga, yo eleng modiri kwa oteleng ya Bosele, o tlhalositse fa e se lantlha ba tshwara modiro wa go nna jaana, a tlhalosa fa ele ngwaga wa botlhano ba ntse ba tshegetsa letsatsi le. 

Mme Masunga o tlhalositse gore ba dira jalo ka thotloetso ya dikompone tse di farologaneng di tshwana le ya Kgalagadi Breweries, Botswana Tourism Organisation, Motor Vihicle Accident, le BCL Mine.

A re maikaelelo a bone ke go tsosolosa kapei ya dijo tsa Setswana le yone kapari tota, le go ruta bana ba bannye ka ngwao ya Setswana gore e seka ya nyelela. 

O boletse fa ba thusiwa ke ba khansele ya Selebi Phikwe go tlhopha motlhoki yo ba tshwanetseng go mo thusa, mme a tlhalosa gore ka ngwaga wa 2012 ba ne ba abela lelwapa lengwe le le neng la welwa ke seru sa go shelwa ke ntlo, ka go ba rekela materase, a tlhalosa gore bane ba ntsha dingwe tsa dikobo tse ba di dirisang kwa oteleng go thusa batho bao ba ba neng ba amegile.

Go ne kwa moletlong oo, go ne ga supiwa didirisiwa tse di neng di dirilwe ka diatla ke bomme ba Mothers For All, di tshwana le manyena le dibaga tse di neng di dirilwe ka dilo tse di farologaneng jaaka dinaka tsa kgomo le dipampiri. Go ne gape ga supiwa kapari ya

 Setswana jaaka mateisi le matlalo; dijo tsa setso tsone go sa buiwe, batho ba dule ba jele ka mpa tse pedi. 

Mme Masunga o ne a kaya fa a lebogetse kemo nokeng e ba e neelwang ke banni ba Selibe Phikwe ka nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Letsatsi la go ipelela letlhafula

Date : 04 Sep 2014