Puso o tlotlomatsa ngwao
04 Sep 2014
Ngwao e ruta motho go itse le go tlhaloganya se a leng sone.
E rile a bua mo moletlong wa go tsosolosa ngwao le go bula semmuso ntlo ya Setswana kwa Letlhakeng bosheng, Kgosi Puso wa Batlokwa, a tlhalosa gore ngwao ke selo se se rayang gore motho a batle gore ke mang, o tlholega kae, le gone gore ke wa letso lefe.
A re motho o tshwanetse a ipelafatsa le go ithekisa mo merafeng e mengwe ka ngwao ya gagwe gammogo le go amogela se a leng sone gore botlhe ba mo lemoge botoka.
O tsweletse a re teme ya motho e tshwanetse ya buiwa ka matsetseleko le lerato le legolo ka jaana e le sekao sa tshwaragano le go itlhaloganya. A re go a swabisa go bona batho bangwe ba tlhabisiwa ditlhong ke puo ya bone mme ba ikanye go bua di sele tse e seng diteme tsa bone.
Kgosi Gaborone o tsweletse a bolela fa ngwao e nyelela ka monokela mme a re tlhabologo ga e a tshwanela go nna yone e e di gogang kwa pele mo go e nyeletseng jaaka fa lebega go ntse fa go lebilwe mo diaparong le dijo.
A re dijo dingwe tse di tlang le tlhabologo di tsisa makoa mme tsa Setswana tsone di siame fela ka di humile dikotla le boleng jo bo siametseng botsogo jwa motho.
O boletse fa ngwao ya Botswana e le monate fela thata mme e bile yo o sa e itseng a timetse le go feta.
O tlhalositse gore kgaolo ya Kweneng e humile ngwao le ditsa tlholego tse di ka tshegetsang le one mohama wa bojanala go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno.
Kgosi Gaborone a re go ruta bosetlabosheng ka ngwao go molemo mme e bile e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa mogolo mongwe le mongwe yo a e tlhaloganyang gape a e itse ka botlalo, ka go dira jalo e tla a bo e le go bopa isago ya lefatshe le go ya pele.
O kaile fa Setswana se itlotla e bile se tlotla boleng jwa motho.
O akgotse morafe wa Letlhakeng go dira tiro e ka go supa fa ba batla go ikgakologelwa mo go tsa ngwao.
O tsweletse a re ba seka ba inyatsa ka ba simolola, a bolela fa se e le kgatelopele e e seng kana ka sepe.
O kopile gore thulaganyo e ntle e, e seka ya nna ya ntlha kgotsa ya bofelo, a kopa gore e tlhophelwe letsatsi lengwe mo ngwageng mongwe le mongwe le e tla a tshwarwang ka lone.
Kgosi Gaborone a re go anyiwe kitso ya ditso le ngwao mo go ba ba di itseng go di boloka ba ise ba ikele badimong ka tsone, gonne seo e tla a bo e le go aga letlotlo le le seng kana ka sepe.
O tsweletse a kopa gape gore go phuthwe didirisiwa tsotlhe tsa Setswana tse di nang le matshosetsi a go ka nyelela go bewa ka pabalesego go tla di kaelwa bosetlabosheng.
Moletlo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Re tsosolosa ngwao ya rona”,
Letsatsi le le ne la natefisiwa ka mmino wa Setswana, maboko, dijo tsa Setswana tse di abilweng ke morafe wa Letlhakeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : LETLHAKENG
Event : Moletlo wa ngwao
Date : 04 Sep 2014