Breaking News

Ba-na-le bogole ba fiwa dikarata

04 Sep 2014

Batswana ba ba tshelang ka bogole ba kopilwe go ikopanya le ba boipelego go ba thusa go dira dikarata tse di ka tokafatsang matshelo a bone.

Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya Shoshong, mothusa tona wa ofisi ya merero ya ga tautona le bodirela puso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o boletse fa nako ya gore ba-na-le bogole ba akole se puso e ka se ba direlang e gorogile.

Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gore kgang ya ba-na-le-bogole ke nngwe ya dintlha tse di tshwentseng tautona ka ba ne ba sa bone ditshwanelo tse di lekanang la tsa mongwe le mongwe, ke ka moo puso e tsereng tshwetso ya gore ba sekasekwe, mme  ba fiwe karata e e tlhalosang bogole jwa bone ba bo ba bone ditshwanelo tse di maleba.

O boletse gore ba tla fiwa dikarata tse di tla tokafatsang matshelo a bone, di akaretsa le go sa dueleng mo dipalamong tsa ga Seabelo go ya kwa ba batlang go ya teng, gammogo le go fiwa tlotla ya go thusiwa pele ga ba bangwe gongwe le gongwe  kwa ba tlhokang thuso teng.

O tlhalositse gore ba-na-le bogole ba tshwanetse go ntshiwa kwa mahure. Fa a itebaganya le segajaja, Rre Matlhabaphiri o boletse gore lefatshe la Botswana le dirile gotlhe mo le ka go kgonang go lwa kgatlhanong le segajaja, jalo a bolela gore mme puso e tshwenyegile ka go lebega go itshwanela fela ka go santse go na le bangwe ba ba tsenwang ke mogare o mosha ntswa maikaelelo a puso e le gore go se nne le dikgetse dipe tse di sha ka 2016.

A re go a tlhobaetsa go bo bangwe ba santse ba tsenwa ke mogare gonne go ya ka tshekatsheko e dirilweng bosheng, selekanyo sa mogare se a oketsega ka jalo a kopa Batswana go iphapha go tsenweng ke mogare o mosha.

Rre Matlhabaphiri o rotloeditse makau gore a nyale makgarejwana a bone, ba nne le mokapelo a le mongwe ba bo ba dirise dikausu, gonne a re moo go tla tila go tshelanwa mogare.

O tsweletse a kopa gore bomme le bone ba dirise dikausu tsa bone, gore botlhe ba nne le seabe mo go lwantsheng mogare.

A re go a swabisa gore bangwe ba Batswana ba palelwa ke go itlhatlhobela mogare ka jalo a kopa borre go ema ka dinao go netefatsa gore ba itse seemo sa bone sa mogare.

O kgothaditse borre go rupa, a re seo, se ka fokotsa go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS mme e bile go thusa gore mosadi a seka a tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Sep 2014