Breaking News

Komiti e fa Mbolawa thobo

04 Sep 2014

E rile bosheng komiti ya balemi le ya dikgafela kwa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba abela Mme Mmamatlotla Mbolawa dikgetsi tsa mmidi di le tlhano, ya mabele le ya dinawa.

Modulasetilo wa komiti ya dikgafela, Mme Senwelo Ramokobetwane o tlhalositse fa ba abile dimpho tse  ba itebagantse le letshego la tebelopelo la 2016 le le reng setshaba se se kutlwelobotlhoko,  ka jalo ba tsere tshwetso ya gore ba abele ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Fa a amogela dijo tseo, Mme Mbolawa o supile fa a leboga komiti eo go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba sa itsholelang.

O  ba akgoletse go kgothatsa  balemi go tsaya temo tsia gore ba ntshe thobo e ntsi go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo-dimpho

Date : 04 Sep 2014