Ba ngongorega ka tsamaiso ya BHC
04 Sep 2014
Makhanselara a khansele potlana ya Tutume a ngongorega ka bonya jwa Botswana Housing Corporation (BHC) mo go ageng matlo a lenaneo la SHHA.
Ba ntshitse dingongora tsa bone mo bokopanong jwa khansele eo kwa Tutume ka Labobedi morago ga go begelwa ke ba BHC ka fa ba tsweletseng ka teng, go aga matlo a SHHA mo kgaolong.
Makhanselara a supile fa e rile BHC e sena go neelwa boikarabelo jwa go agela batho matlo ba nna ka tsholofelo ya gore tiro e tla dirwa ka bofefo, jaanong go tsaya lebaka le le leele go aga le go fetsa ntlo eo e e neng e sa tseye dikgwedi tse di ntsi fa e ne e sa ntse e le boikarabelo jwa khansele.
Modulasetilo wa komiti ya SHHA mo khanseleng potlana ya Tutume, mokhanselara wa Gweta Bokone, Rre Moses Bobeng, o boletse fa tiego eo e setse e ba tlhobogantse le batho, ka ba tla kwa go bone go ikuela ka tsamaiso le tiego ya BHC go fetsa matlo a bone.
O ne gape a tlhalosa fa kompone eo e sena therisanyo le bone, a tlatsa ka gore le fa tota ba ba biletsa bokopano jwa bone e le komiti, ga ba iponatse go tla go kopana le lekodisanya le bone ka fa ba tsweletseng ka teng.
A re le fa ba kopa pego ya bone go bona ka fa ba tsweletseng ka teng, ba itaya se fololetse, a tswelela ka gore dikgwetlho dingwe ba ka bo ba ne ba di kopanela e le komiti le ba BHC go thusana ka megopolo gore tema e bonale, sebe sa phiri fela ke gore BHC ga ena mowa wa tirisanyo mmogo le therisanyo.
Mokhanselara wa Nkange Borwa, Rre Tabona Saulo, le e ne o ne otlelela mafoko a dibui tse dingwe, a supa fa matlo a saletse kwa morago mo go ngomolang pelo, mme a kopa kompone eo go fefosa maotlo gore Batswana ba akole bonno jo bo siameng. Makhanselara a ne gape a bolela fa a sa amogele mogopolo wa gore tiego e bakilwe ke gore madi a SHHA a selekanyo sa P60 000.00 a mannye, ba re kompone e tsenye mo ditumalanong e tlhaloseditswe sengwe le sengwe.
Ba ile ba bolela fa ba ne ba solofetse mo gontsi mo kompone eo ka ba ne ba lebile fa e tla tokafatsa le go fefosa kago ya matlo ka e le tiro ya yone ya tsatsi le letsatsi.
Mokhanselara wa Sebina, Rre Mogomotse Lemogang, o ne a supa fa lemme la SHHA le le lennye, ka jalo a kopa gore le okediwe ka ele madi a kadimo. Mogolwane wa tsa ditshekatsheko (Manager; Quantity Surveying), Rre Paar Frank o ne a dumelana le makhanselara fa ba tsaya nako go kopana le bone, a bolela fa ba okametse dikgaolo tse dintsi, ka jalo go ba paledisa go kopana le dikhansele ka bontsi.
Rre Frank o ne a ba solofetsa fa ba tla leka ka bojotlhe go tshwaraganela kgang eo le bone.
E ne e rile pele mo pegong ya gagwe fa a rolela khansele eo, a bolela fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhaelelwa ke madi, ka lemme leo le tlhaela, e bile le baagi bangwe ba tlogela tiro e ise e wele.
O ile a tswelela a bolela fa ba agile matlo a le lesome le bosupa mo kgaolong nngwe le nngwe e e mo kgaolong potlana ya Tutume, Nkange, Nata/Gweta le kwa Tonota Bokone.
O ne a tswelala a tlhalosa fa matlo ka bontsi a le mo seemong sa go wediwa, a bo a ba solofetsa fa e tla are ka kgwedi ya Phalane matlo ao otlhe a bo a fedile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Bokopano jwa khansele-potlana
Date : 04 Sep 2014