Breaking News

Maphata a tshwara dikgaisanyo

04 Sep 2014

E rile ka Matlhatso maphata a dikitsiso le kgaso kwa Selebi Phikwe ba bo ba tshwere moletlo wa bommabontle kwa ntlolehalahala ya Makhubu e le tsela nngwe ya go kokoanya madi a tiro ya bopelotlhomogi e ba tla e dirang ka kgwedi ya Sedimonthole monongwaga.

Mongwe wa barulaganyi ba moletlo, Mme Lesedi Molapisi o tlhalositse gore ba ne ba dira mmabontle oo le bana ba ba neng ba ithaopile go tswa mo toropong ya Selebi Phikwe .

O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go kokoanyetsa tiro e e setseng ka dikgwedi di le tharo ya bopelotlhomogi, e ba tlaabong ba abela banni ba motsana wa Phakwe dimpho dingwe e bile e le tsela nngwe ya go ikitsise batho.

Mme Molapisi o tlhalositse gore le fa gone go le bokete ba kgonne go diragatsa tiro ya bommabontle ka thotloetso go tswa mo dikomponeng tse di farologaneng di tshwana le ya Welcome Cash & Carry, Sefalana Cash & Carry le Rratoropo wa pele wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa, fa ba otela ya Syringa mo Selebi Phikwe ba ikanne go fa ba ba tsereng maemo a ntlha go fitlha ka a boraro dijo tsa motshegare mahala.

Maemo a ntlha a ne a ikgapelwa ke Collin Obopeng, yo e leng moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Lebogang; fa maemo a bobedi a ne a gapiwa ke Tshegofatso Khutshwane go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Phatsimo; fa a boraro a ikgapetswe ke kgarejwana go tswa kwa Botho College. 

Ba ba neng ba sa bona maemo ape le bone ba ne ba tswa ka dimpho tse di farologaneng di tshwana le machine o omisang moriri.

Moletlo o ne wa natifisiwa ka mmino le moopelo ka Kgosi Rankwaila, yo eleng mongwe wa baopedi ba mo Selibe Phikwe, yo itsegeng ka leina la ‘Fang’. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo wa bommabontle

Date : 04 Sep 2014