Breaking News

Bobonong o itlhokoletsa boipuso

03 Sep 2014

Go bolelwa fa boipuso jwa monongwaga e le matlhagolelatsela a jwa 2016 jaaka Botswana a tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa.

Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke dikomiti tse di eteletseng pele dithulaganyo tsa boipuso mo Bobonong bosheng, mothusa molaodi mo Bobonong, Mme Lorato Sebola, o tlhaloseditse dikomiti fa ba lekalana la BOTS 50 ba ntshitse madi a a fetang P175 000 go thusa dikgaolo tsa Bobirwa go baakanyetsa boipuso. 

O tlhalositse fa Bobirwa a agilwe ka dikgaolo tse di masome mabedi le bosupa, a ba a supa fa madi a tlaa kgaoganngwa dikgaolo go dira dipaakanyo.

Mme Sebola o supile fa ditiragalo tse di tlaa natefisang letsatsi la boipuso di akaretsa mmino ka dikereke, dikopelo le mmino wa setso, mmabontle le rabontle le kgwele ya dinao. 

O supile fa monongwaga go tlaa nna le mmabontle le rabontle mme botlhe e le batho ba ba belegweng ka 1966.

O tlhalositse fa legato la ntlha la dikgaisano tsa mmabontle le rabontle le tlaa nna kwa dikgaolong pele ga Lwetse e tlhola malatsi a le lesome le bobedi, a tlatsa ka go re legato la bobedi la mmabontle le rabontle le tlaa tshwarwa Lwetse a le lesome le borobabongwe mo Bobonong.

Mme Sebola a re mmabontle le rabontle ba ba kgonneng go gaisa mo Bobonong, ba tlaa ya go tsenelela legato la boraro kwa Serowe Lwetse e le masome mabedi le borataro.

O akgoletse morafe wa Babirwa go bo o ne o tshologetse phuthego eo ka bontsi. 

Fa a latlhela la gagwe, Mme Gloria Mphela o supile fa dithulaganyo tsa boipuso kwa Mabolwe di tsamaya sentle. 

Mme Mphela o supile fa kwa Mabolwe go tlaa bo go na le metshameko ya setso jaaka koi le diketo, a tlatsa ka go re Mabolwe o na le ditlhopha tse dintsi tse di opelang e bile di bina mmino wa Sebirwa mme a supa fa ka Lwetse a le masome mararo go tlaa bo go osha logong go sala molora. 

O tlhalositse fa go tlaa jewa dijo tsa setso kwa moletlong oo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya morafe

Date : 03 Sep 2014