Khansele ya Bokone Bophirima e thusitse
03 Sep 2014
Khansele ya Bokone Bophirima e bone go le matshwanedi gore e tsenye letsogo mo go thuseng ba ba tlhokang, segolo bogolo ba ba kgakala le ditlamelo.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Lesiela Mandonzi, yo e leng mothusa mokwaledi wa khansele eo, o supile fa khansele e neetse lephata la RADP P550 000 go tlhabolola ditirelo tse di kwa metseng ya Mababe le Kareng.
Rre Mandozi o supile fa ba ikaeletse go tlhabolola ntlo ya motlobo wa dibuka kwa Mababe le go reka didirisiwa tsa motlobo tse di tlaa dirisiwang ke morafe ga mmogo le bana, go ithuta.
A re motlobo le ntlo ya itshidilo mmele tse batho ba Mababe ba di filweng ke sesole sa Botswana di setse di le mo seemong se se sa siamang, ke ka moo ba bonang go tshwanela gore ba di tlhabolole.
O kaile gape fa ba tlaa tlhabolola mabala a metshameko, go leka go fa banana ba ba kwa Mababe sebaka sa go itshidila mmele.
Rre Mandozi o ne a supa fa ba tlaa rekela batho ba Mababe sekapaditshwantsho se se tlaa dirisiwang ke morafe go itlosa bodutu, a tlhalosa fa ba setse ba reketse batho ba Kareng sekapaditshwantsho le gone go duelela ditshwantsho tseo.
Fa a ntsha la gagwe mo boemong jwa batho ba Mababe, Rre Molatlhegi Matsano, mokwaledi wa VDC, a re ba itumeletse thuso e ba e neetsweng ke ba RADP, mme fela o ngongoregela go diega ga khansele go diragatsa se ba se solofeditseng.
A re ga ba bone dingwe tsa dilo tse ba supileng ba tlaa di direlwa.
Fa a akgela tebang le go diega ga ditirelo, Rre Mogakolodi Maruatona o tlhalositse fa ba le mo thulaganyong ya go dira ditsholofetso tsa bone le batho ba Mababe.
Rre Maruatona a re mathata a ba nang nao ke a metsi a noka, a a gaufi le motlobo wa dibuka le ntlo ya itshidilo mmele.
Ke ka moo ba sa kgoneng go ka tlhabolola le go ntshafatsa mafelo ao.
O supile gape fa ba le mo thulaganyong ya go rekela ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Mababe kapari.
O ne a tlhalosa fa ba sa diege mme ba le mo tsamaisong e e tshwanetseng ya go reka le go tlhabolola nngwe ya dikago tse ba di solofeditseng.
O ne a supa fa ba setse ba dumalane le ba lephata la ditsela go ba thusa ka koloi e e tlaa yang go gopa lefelo le le tlaa dirisiwang e le lobala lwa metshameko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2014