Ba batla folaga
03 Sep 2014
Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane, a re ga a itumedisiwe ke go tlhoka folaga mo motseng wa gagwe.
E rile a amogela mothusa tona wa ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri kwa motseng oo, Kgosi Modisapodi a re o tshwenyegile ka go tlhoka folaga gammogo le didirisiwa tsa ofisi ya kgosi tse a tlhalositseng fa di ama tiro ya bone fela thata.
Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi a re ga a jesiwe monate ke seemo sa tsela e e tswang Mosolotshane, jalo a kopa gore e tshelwe sekontere go ka tokafatsa matshelo a batho ba motse wa gagwe le meraka e e mabapi.
O tlhalositse fa meraka e le mentsi mo kgaolong ya gagwe mme go ketefaletsa barui go rekisa leruo la bone ka go sena tsela e e lolameng e ba ka e dirisang.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Modisapodi o lebogetse mananeo a puso ka a bolela fa a tokafaditse matshelo a bone go menagane.
O kopile gore batho ba ba filweng mananeo ba rotloediwe thata, bogolo jang ba ba fiwang a nyeletso lehuma ka e a re morago ba a phuaganye. A re bangwe ba filwe mananeo a ditshingwana mo malwapeng, mme ba maoto a tshupa go ntsha dijo go rekisa gore ba itshetse. Mothusa tona, o lekodisitse morafe ka ditirelo tsa nyeletso lehuma, ba-na-le bogole le tsa go lwantsha segajaja. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Sep 2014