Kebailele o rotloetsa boipelego
03 Sep 2014
Kgosi Polokokgolo Kebailele wa Serowe o rotloeditse morafe wa Thabala mo kgaolong ya Legare go dirisa mohama wa temo-thuo e le nngwe tsela ya botshelo e ba ka ikaegang ka yone go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo.
Kgosi o buile jalo ka Matlhatso mo boemong jwa bogosi jwa ga Mmangwato kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la ngwao le thobo ya monongwaga kwa motseng oo. A re fa Batswana ba ka tlhoafalela temo-thuo ga go ope Motswana yo o ka welang mo isong fa e se yo o setshwakga fela, a tlatsa jalo ka go tlhalosa fa motho a tshwanetse go itshetsa ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
Kgosi Kebailele a re temo-thuo e mosola fela thata mo malatsing a segompieno ka jaana motho o ka e dira e le kgwebo mme a tsweledise tsa matshelo a gagwe.
O tlhalositse fa puso ya lefatshe leno e eme balemi nokeng ka jaana e tlhapolotse letsogo go tokafatsa temo-thuo.
A re balemi ba fiwa dipeo, dichefi, menontshane le madi a diterekere ntleng le dituelo dipe, a tlhalosa fa se, se supa fa puso e kgathala ka matshelo a Batswana. Kgosi o ne a kgothatsa banni bao go ema ka dinao, go tlhagafalela temo.
O ne a bua jalo a ba kopa go simolola go baakanyetsa temo e e tlang nako e sa le teng, ka a re temo e e baakanyeditsweng go sa le gale e ntsha maduo a a bonalang.
E ne ya re a amogela baeng, kgosi ya motse oo, Rre Abel Kgaboyarona, a tlhalosa fa mo bogompienong ngwao e itlhokomolositswe, selo se a kaileng se ka baya bangwe ka fa mosing go itse ka tsa ngwao, bogolo jang bana ba ba sa ntseng ba gola.
A re ke ka moo morafe wa gagwe o boneng go le matshwanedi go ikgata motlhala go tsosolosa ngwao ka go tshwara mokete o tshwana le o. O tlhalositse fa pele, go ne go na le meila ya Setswana e bile e salwa morago mme mo nakong eno go sa tlhole go dirwa jalo.
Kgosi Kgaboyarona o ne a tswelela ka go supa fa bogologolo ba ne ba ja dijo tsa setso di tshwana le motsantsa, mahubana le tse dingwe, botsogo e le jo bo itekanetseng ka dinako tsotlhe, e seng mo malatsing a segompieno mo batho ba tlhorontshiwang ke makoa.
O ne a kopa Batswana ka kakaretso go somarela ngwao, a tlhalosa fa tautona wa pele a boletse fa tshaba e senang ngwao e le moka e latlhegileng.
O ne a tlatsa gape ka go tlhalosa fa ngwao e le seriti sa Motswana mongwe le mongwe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgaboyarona o ne a iteela banana ba motse oo legofi go bo ba ne ba tshologetse ka makatlanamane kwa kgotleng go ya go itseela ka tsebe. Mo letlhakoreng le lengwe Mme Gakenalepe Lerumo o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsosolosa ngwao le gone go isa malebo kwa go Tautona, yo e rileng a bona seemo sa pula ngogola se le kwa tlase a kopa gore go rapelelwe pula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Ipelelo ngwao le thobo
Date : 03 Sep 2014