Breaking News

Ba Sesung ba itumeletse Ipelegeng

03 Sep 2014

Banni ba Sesung mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa ba itumeletse mananeo a puso bogolo thata la Ipelegeng le ba bolelang fa le ba thusitse fela thata.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa dikgaolo le tlhabololo metse ya magae, Rre Peter Siele yo o neng a ba laela gonne dingwaga tsa gagwe tse di lesome di wetse, banni ba boletse fa  a ba thusitse thata ka mananeo a puso a tshwana le la  Ipelegeng ka ba kgonne go epa matamo a le mmalwa  gammogo le go dira ditsela.

Ba boletse fa Rre Siele a ne a na le mowa o o siameng a dirisana sentle le bone, e bile ba re ba itumelela gore  motse wa bone o na le ditsela ka o kile wa bo e le lesu fela. Ba kopile puso go mo sekasekela gore a seka a ela ruri.

Ba re ba itumeletse gape gore kgotla ya bone e tlhatlositswe maemo, e bile Kgosi Mokaunyana Dinake  o file tetla ya go sekisa.

Le fa go ntse jalo, ba boletse fa ba tshwentswe ke bogodu ja leruo mo kgaolong ya bone le bana ba ba tlhokomelwang ke bommaboipelego ba bolela fa ba le dingalo e bile ba senya fela thata.

Rre Siele o ba boleletse gore o tlaa bo a le teng mme a ba solofetsa fa a  tlaa ba tshologa mokgosi mo thusong nngwe le nngwe e ba e batlang. 

O ba rotloeditse go tlhopha ka makatlanamane ka e le tshwanelo ya bone gammogo le  go bereka sentle le mopalamente yo o tlang, eseng go tikana ka metswaiso jaaka go diragala mo mafelong  a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Sep 2014