Breaking News

Moleta o solofetsa Manyana poso

03 Sep 2014

Banni ba Manyana ba solofeditswe poso pele ga ngwaga ono o ya fifing.

Tsholofetso e, e ntshitswe ke mogolwane wa diposo, Rre Pele Moleta  kwa moletlong wa dikgafela kwa Manyana bosheng.

O ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke go baakanya le go oketsa poso ya Manyana ka ba lemogile fa banni ba latela ditirelo di tshwana le dikamogelo tsa bagodi kgakala.

Rre Moleta a re puso e tsere tshwetso ya go kopanya poso, Botswana Savings le Botswana Couriers e le tsela nngwe ya go tokafaletsa Batswana ditirelo le go di fefosa, bogolo jang dituelo tsa bagodi.

O rotloeditse banni gore ba dirise poso ka go romela madi le go a baya  gonne seo seka tokafatsa ditirelo tsa yone. A ba kopile gore ba dirise poso thata ba bo ba reke matlole ba seka ba ipolelela gore ba tla a dirisa ya kwa kgosing ka se se ka tla sa kgoba ba diposo marapo.

Rre Moleta o kopile bagodi ba ba iseng ba ikwadisetse dikarata tsa dikamogelo go ya go ikwadisa, gonne a re karata e e mosola ka jaana mogodi a ka kgona go baya madi mo go yone kgwedi tse thataro mme a sa mo latlhegele e bile a sa kake a busiwa.

A re gape mogodi o ka kgona go reka ka yone mo mabenkeleng mangwe gammogo le go reka motlakase. Fa a latlhela la gagwe modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang a re o letsa gore metse yotlhe e metona ya kgaolo ya borwa e keteke letsatsi la ngwao jaaka go dirwa kwa Manyana.

Rre Tlhomelang a re go ka solegela morafe mosola fela thata fa tsamaiso ya ngwao e ka  fetolelwa mo bojanaleng  jaaka ele keletso ya kgosi ya Manyana.

O lebogile ba diposo go atametsa ditirelo kwa bathong bogolo jang bagodi. E rile a  amogela baeng, Kgosi Mosielele a tlhalosa gore mo nakong tse di fetileng batho ba ne ba sa kgone go ipelela ngwao ya bone ba sosologile ka bangwe ba ne ba tsena toronko fa ba dira jalo mme mo nakong eno ga go a nna jalo.

Kgosi Kebinatshwene Mosielele a re Bahurutshe ba ikagetse motlobo wa dibuka, tshingwana e bile ba na le marekisetso a chibuku, dilo tse di ba tsenyetsang madi gore ba kgone go
baakanyetsa letsatsi la ngwao.

Mokhanselara, Rre Peter Sethibe o lebogile ba diposo ka ba solofetsa fa ba tla a thusa motse wa Manyana ka poso gonne a re banni ba  ga ba  bolo go sokola ka lobaka lo lo leele mme a  ba kopa go dirisa poso ka botswerere .

Moletlo o, o ne o tshwerwe ka moono o o reng, ‘go fetolela tsamaiso ya ngwao ya dikgafela mo bojanaleng’. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Moletlo wa dikgafela

Date : 03 Sep 2014