A karata ya tlhopho e babalelwe -Swartz
03 Sep 2014
Tona wa dikago, maranyane le boitseanape, Rre Johnie Swartz a re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a sireletse karata ya gagwe ya tlhopo le Omang gore ba kgone go tlhopha sentle mo ditlhopong tsa botlhe.
Tona Swartz a re kgakololo eo o e ntsha ka gore o lemogile fa ka letsatsi la ditlhopo batho bangwe ba felela ba sa ye go tlhopa ntateng ya gore ga ba bone dikarata tsa bone tsa ditlhopo le bo Omamg ba bone.
Tona o buile mafoko ao fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng ya Grootlagte, Qabo, Kuke le mo dikgaolwaneng tse dingwe tsa toropo ya Ghanzi.
O ne a kopa gape banni ba metse eo go bona gore bo Omang ba bone ba mo tirisong pele ga ditlhopo. Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni bao ka molao motheo wa lefatshe leno, o o letlang gore go tshwarwe ditlhopo morago ga ngwaga tse tlhano, gore Batswana ba tlhophe puso le baemedi ba ba eletsang ba ka tsamaisa lefatshe la leno.
Rre Swartz o tlhaloseditse banni bao fa ditlhopho di tla tshwarwa ka kgwedi ya Phatwe ele masome a mabedi le bone, a tlatsa ka gore tautona o beile letsatsi leo ele la boikhutso, ka jalo o kopile banni bao go ya go tlhopha ka dipalo tse dintsi.
Mo go tse dingwe, tona o ne a tlhalosa fa puso e tshwenyegile thata ka boitshwaro jo bo sa siamang jwa bana ba dikole tse dikgolwane le tse di tona, ke ka moo tautona a neng a ntsha lekoko la bo tona le bathusi ba bone go etela dikole go bona gore boitshwaro joo bo bakwa ke eng.
O boletse fa pego ya bone e supa fa bangwe ba batsadi ba ba neng ba rekisetsa fa pele ga dikole, ba ne ba rekisetsa bana ditagi, a tlatsa ka gore bangwe ba batsadi bao ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong.
Tona Swartz o ne a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone gore ba tlogele go inakanya le dilo tse di sa siamang, tse di tla tsenyang matshelo a bone mo diphatsheng.
Mopalamente o boleletse banni bao fa puso e dirisa madi a mantsi go tlhabolola thuto ka jalo bana ba tshwanetse go tsaya thuto ka tlhoafalo gore kamoso ba ye go itshetsa ka yone.
E rile banni ba motse wa Grootlagte , Qabo le Kuke ba akgela, ba akgola mopalamente wa bone, ba kaya fa bereka ka natla, ka ditlhabololo mo metseng ya bone ba di bona le dithuso tsa puso di le teng e bile bangwe ba setse ba simolotse go itshetsa ka tsone.
Banni bao ba boleletse mopalamente wa bone gore fa motho e le moeteledipele wa batho o tshwanetse go bonwa ka ditiro tsa gagwe le go etela batho nako le nako, ba supa fa seo se kaya moeteledipele yo o botlhokwa mo matshelong a batho.
Banni bao ba ne gape ba lebogela mananeo a nyeletso lehuma, ba supa fa tsamaya sentle mo metseng ya bone. Le fa go sena theko e ntsi, ba re mme fela sengwenyana sone ba a se bona e bile matshelo a bone a tokafala.
Le fa go ntse jalo, banni ba Qabo ba ne ba ngongorega thata ka bana bangwe ba bone ba ba ithutang tiro ya diatla kwa Palapye gore ga ba tsewe sentle gotlhelele, ba supa fa ba tlogela dikole ka dipalo tse di kwa godimo ntateng ya go sa tshwarwa sentle kwa dikoleng.
Banni bao ba boleletse Moplalamente wa bone fa bana ba morafe wa Basarwa kwa dikoleng ba sa tsewe sentle e bile ba buisiwa mafoko a sa siamang ke bodiredi le barutabana, ka jalo ba kopa mopalamente wa bone go emela di kgang tseo ka dinao.
E rile mogolwane mo lephateng la thuto a akgela, Rre Judas Tjienda, o tlhalositse gore boeteledipele jwa metse, dikgosi, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, baoki, bommaboipelego le bodierdi jwa maphata mo metseng eo ke maloloko a komiti ya batsadi le barutabana.
Rre Tjienda o ne a kopa batsadi go tsena komiti ya batsadi le barutabana gore ba kgone go tshwaraganela tiro ya bana ba bone sentle le barutabana. A re o tsamaile metse ya kgaolo ya Ghanzi mme go supega fa batsadi ba sa tshwaraganele thuto ya bana le barutabana.
A re go dira jalo go busetsa thuto ya bana kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Sep 2014