Breaking News

A e nne modiga - Kgathi

03 Sep 2014

Motshwaralela tona mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso, Rre Shaw Kgathi, a re o tswa kgakala a ntse a buelela lefelo le le lemang merogo la Talana Farms kwa kgaolong ya Bobonong gore le seke la phutlhama.

Fa a buisa babereki ba Talana beke e e fitileng, o boletse fa polase eo, e e eteletsweng pele ke Rre Jan Willemse, e ntse e na le mathata a madi mme e bile e ntse e palelwa ke go duela babereki.

Rre Kgathi a re merwalela le serame sa segagane ke dingwe sa dilo tse di dirileng gore polase ya Talana e palelelwe ke go bona dipoelo.

Polase ya Talana e tshwaraganetse tiro ya go lema le Botswana Development Corporation, e a tlhalositseng fa e tsenya madi a yone e lebile dipoelo.

Rre Kgathi a re mo lebakeng le polase eo e ntseng e nale mathata a go duela babereki, o ne a ntse a tshwere dipuisano le tona wa lephata la papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato- Malesu gore badiri ba kgone go duelwa fa polase ya Talana e sa ntse itshekatsheka.

A re mo dipuisanong tse a ntseng a di tshwara le ba ba lebaneng, babereki ba ile ba kgona go duelwa, le fa go sa ntse go setse melala, a tlatsa ka gore o kopile banni go nna pelotelele, ka gore le fa Talana e le mo mathateng a go duela badiri ba, gone ga e aka ya tsaya tshwetso ya go kgaola badiri mo tirong, le fa e ne e lebagane le seemo sa go tswalwa.

Rre Kgathi o lebogetse Rre Willemse go nna pelotelele fa polase eo e ne e wetswe ke seru, mme a kopa badiri le bone go nna pelotelele le go reetsa se ba se bolelelwang ka dikgwetlho tsa polase eo. A re dikgwetlho di tshwana le merwalela e e neng ya ama polase eo ke tse di itseweng ke badiri mme ba sa tshwanela go ka nna bogale.

O kopile badiri gore ba seka ba tsaya matshwenyego a bone ba a dira sepolotiki, ka seo se ka ba tlhakatlhakanyetsa kgang ya bone, a boa a ba lemotsha fa seo gape e se thatabololo ya mathata.

A re ba BDC, ba e leng bone beng ba lefelo la Talana, ba ntse ba tshwaraganetse kgang ya kwelotlase ya polase eo e bile ba ikaeletse go thusa.

Rre Willemse a re mangwe a mathata a a lebaganeng Talana ke tlhaelo ya badiri mme ka jalo o ne a tshwanelwa ke go dirisa madi a mantsi go direla badiri ba Zimbabwe diteseletso tsa pereko.

A re go supega fa bangwe beng gae ba sa batle go bereka mo makaleng a temo, ka bangwe ba ela ruri fa ba sena go amogela, selo sa a supileng fa se ama kgwebo eo fela thata.

Rre Willemse o supile fa Talana e duela kwa godimo go feta selekanyo se se beilweng e bile a tsaya Batswana le badiri ba Zimbabwe ka go lekana.

Badiri bangwe ba supile fa ba itse fa polase eo e lebagane le dikgwetlho tse dintsi e bile ba rerisiwa gangwe le gape ka seemo seo. Le fa go ntse jalo, bangwe badiri ba supile Batswana bangwe ka mongwana ba re ba gakatsa seemo ka go goga dinao mo tirong.

Fa a tswa la gagwe, Mme Diketso Rantshabeng go tswa kwa komponeng ya BDC a re Talana e ntse e sa di re dipoelo mme go le thata gore ba tshele madi mo go yone.

A re BDC le yone e ntse e lebaganwe ke tlhaelo ya madi, a supa fa ba ikaelela go tokafatsa bonno jwa badiri kwa Talana, a tlatsa ka gore ba solofela fa tiro eo e tla simolola monongwaga, e le mangwe maikaelelo a go tsosa polase eo.

Motshwaralela modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame, o ne a supa matshwenyego ka fa badiri bangwe ba neng ba sa itshware sentle ka teng mo phuthegong eo.

A re fa motho a lwela ditshwanelo tsa gagwe o tshwanetse go itshwara sentle, le go tlotla maikutlo a ba bangwe. Rre Moribame o supile fa Rre Kgathi a diretse polase eo thata ka go e buelela e bile a setse a kile a laletsa mothusa tautona, Rre Ponatshego Kedikilwe; tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu gammogo le badiri ba lephata leo go akantshana ka gore mathata a Talana a ka rarabololwa jang.

Rre Moribame o kopile badiri gore ba seka ba tshosetsa baeteledipele, a supa fa go tshwanetse ga nna le mowa wa tlotlano fa go buisanwa.

Rre Moribame a re mathata a Talana a tlhalogangwa ke badiri e bile ba seke ba solofela gore go tsenya sepolotiki go ka ba thusa, a supa fa mo bogaufing mathata a Talana e tla nna dilo tsa maloba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya babereki

Date : 03 Sep 2014