Breaking News

Batsadi ba kopilwe go emela thuto ka dinao

02 Sep 2014

Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Artesia ba kopilwe go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka jaana e le bokamoso jwa bone.

E rile mogokgo wa sekolo seo Rre Khan Masau a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana ka Mosupologo, a supa fa a tshwenyegile ka go ela ruri ga batsadi fa ba sena go tsisa bana ba bone mo sekoleng mme ba ba bone fela dikole di tswalwa.

O supile fa botsamaisi jwa sekole bo tshwenyegile fela thata ka dikgang tsa go sa iponatseng ga batsadi kwa sekoleng ka jaana e le kgwetlho mo go pataganeleng thuto ya bana.

Rre Masau a re o ne a tshwanelwa ke go ntsha komiti gore e kope batsadi go tsenelela diphuthego mme a ba kgothatsa gore ba bue le bangwe ka bone go tshwaraganela thuto ya bana mmogo. 

A re sekole seo sena le bana ba le 562 mme palo ya batsadi ba ba tlang go lekola tiro ya bana ba bone e kwa tlase fela thata

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Masau o ne lemotsha batsadi fa ba tshwentswe thata ke dikgang tsa bana ba ba thobang mo sekoleng mme batsadi ba bone ba sa tseye kgato epe ya go bona gore ba boela jang kwa sekoleng. 

O kopile batsadi go emela kgang e ka dinao, ba netefatse gore ban aba bone ba tsena sekole sentle, a tlatsa ka gore ba se reetse dikgang tse di senang lepele le morago tse bana ba tlang ka tsone, bogolo jang ka bangwe ba bone ba bua maaka ba re ba kobilwe kwa sekoleng

Fa a tswelela, Rre Masau o ne a lemotsha batsadi fa sekole se ntshafadiwa, a bo a ba tlhagisa gore ngwana ope yo o tla thubang kana a senya dikago kana dithoto tsa sekole o tla lefisiwa madi go emisetsa tshenyo eo. 

Mogokgo a re o lemogile fa bana ba

 senya fela go swelela mme jaanong ba tsile go ba gagamatsa ditlhaloganyo gore ba itse gore ba tletse go ithuta e seng sepe gape. 

O ne a kopa batsadi go rekela bana ba bone paka ya sekole gore ba tshwane le ba bangwe, a tlatsa ka gore paka ya sekole e ka thusa baithuti go ithuta ka tshosologo ba sa kgoreletswe ke itsholelo ya kwa malapeng a bone, ka bangwe ba tshelela mo lehumeng.

E rile batsadi ba mo kgwa kgaba, ba supa fa e le ruri ba ntse ba le moriti o tsididi mo thutong ya bana ba bone.

 Mme Kedibonye Molefhe a re batsadi bangwe ba lesa bana ba bone ba nna fela ba sa ye sekoleng ka mabaka a sa utlwaleng. 

A re bangwe ba bana bao ba felela ba batla tiro kwa Ipelegeng, eleng lenaneo la bone e le bagolo, a tlatsa ka gore seo ga se supe fa batsadi bangwe ba tsaya boikarabelo jwa go rurifatsa gore ba baya thuto ya bana ba bone kwa pele.

Rre Ompegile Ratsie yo o kileng a bo a tsena mo sekoleng seo fa se simolola, a re bana ba tshwanetse go kgalemelwa gore ba tsene mo tseleng, a re e seng jalo ba tla latlhegelwa ke bokamoso jwa bone. 

A re o itse sentle gore bana ba sekole ba akanyang jang ka a fetile foo mme a kgothatsa batsadi go emela bana ba bone ka dinao ka jaana thuto e le lesedi mo botshelong jwa segompieno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 02 Sep 2014