Ba kopiwa go tsibogela mananeo
02 Sep 2014
Kgosi ya Malwelwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Bokau Tobe, a re go ngomola pelo go bona Batswana bangwe ba sa tseye ka tlhwaafalo dithuso tse di farologanyeng tsa mananeo a puso ntswa puso e dira maiteko a go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Tobe o supile fa banni ba motse wa gagwe, bogolo jang banana, ba sa tsibogele go inaakanya le mananeo a ba a beilweng pele ke puso go tokafatsa matshelo a bone ntswa bontsi bo sa ntse bo tshelela mo lehumeng.
O boletse fa puso e tlhamile mananeo a a farologanyeng go inola Batswana mo lehumeng a tshwana le LIMID, nyeletso lehuma, le a banana mme fela go tshwenya go bona bangwe ba sa tseye ka tlhoafalo mananeo a, go itlhotlhora lehuma.
A re ntswa puso e wetse ke seru sa kwelotlase ya itsholelo, mme gone ga e ipone tsapa go tsibogela go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng, a tlatsa ka go supa fa go tshwenya go bona bangwe ba iketlile.
A re seemo se, se ngomola pelo fela thata ka jaana puso e tsweletse ka go tlhama mananeo gore tshaba ya Botswana e tswe mo lehumeng, fela go lebega bangwe ba tla folodisa maiteko a, ka ba sa tlhagafalele mananeo
Kgosi Tobe o supile fa puso e ka dira gotlhe mo e ka go kgonang go leka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno mme fela go mo maruding a Batswana go dirisa monyetla o wa mahala go itlhabolola, a supa fa lehuma le itlhotlhorwa ke motho.
A re kgang ya nyeletso lehuma e tlhokana le gore setshaba se tshwaragane le puso, a tlatsa ka gore, fa Batswana bangwe ba sa ntse ba iketlile, kgang ya go nyeletsa lehuma e tla nna puo ya molomo fela.
A re mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma a molemo fela thata fa a ka tlhagafalelwa, e bile a ka solegele moikopedi mosola. Kgosi a re bangwe ba ba dirang ka natla fa ba abetswe mananeo a, go bonala pharologanyo e ntsi fela thata mo matshelong a bone, ka ba kgona go itshetsa le ba malwapa a bone.
A re go botlhokwa gore Batswana ka bongwe ka bongwe ba tsenye letsogo mo ntweng ya go nyeletsa lehuma, a bua jalo a gwetlha banni ba motse wa gagwe go emisa mokgwa wa boitseme mme ba tseye mananeo go ikapola lehuma.
A re ba dirise mananeo go tlhabolola matshelo a bone a sa ntse a le teng ka gore nako nngwe mananeo ao a tlaabo a sa tlhole a bonwa mahala.Kgosi o tsweletse ka go gakolola Batswana go tshwaragana le puso le go tswa ka maano a go intsha mo lehumeng, a kaya fa mowa wa boipelego o le mosola fela thata ka o kgona go tlhabolola le go nyeletsa lehuma mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 02 Sep 2014