VDC ya Grootlaagte e agela batlhoki
02 Sep 2014
Komiti ya ditlhabololo ya Grootlaagte kwa kgaolong ya Ghanzi e tsentse letsogo mo go ageleng batlhoki ba motse oo matlo, e le tsela nngwe ya go araba kopo ya ga tautona wa lefatshe leno, ya go agela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong matlo le go ba neela seriti mo setshabeng.
Mo potsolosong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Rre Keleofile Madumane o tlhalositse fa ba agetse batlhoki ba le batlhano matlo mme ba setse ba abetse ba le bararo. A re ba babedi ba ba setseng ba tla abelwa mo nakong e e sa fediseng pelo.
Mo godimo ga moo, Rre Madumane a re tshimo ya motse, e go ruiwang dikgomo tsa motse mo go yone e ba thusitse go agela batlhoki ba le bane matlo morago ga go rekisa dingwe tsa dikgomo tseo le go thusa ba ba tlhokang ka ditsela tse di farologaneng.
O tsweletse a tlhalosa fa matlo ao a agilwe ke babereki ba lenaneo la Ipelegeng, a tlatsa ka gore o akgola lenaneo la Ipelegeng fela thata ka gore le ba thusa go menagane mo motseng wa bone.
A re Ipelegeng e na le seabe se segolo mo ditlhabololog tsa motse ka jaana e thusa le gone go ntshafatsa matlo a badirelapuso, go aga matlo a a ka hirisetswang batho ba motse gammogo le go phepafatsa tikologo ya motse.
Rre Madumane a re kgang e e ba tshwenyang ke gore batho ba ba hiriseditsweng matlo a VDC ga ba duele sentle, mme seo se ba ketefaletsa go kgona go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe mo motseng ntateng ya letlhoko la madi.
Kgang e nngwe e e tshwenyang ke gore lenaneo la Ipelegeng le thapa palo e kwa tlase ya batho mme seo se dire gore basadi ba ba sa kgoneng go tsena mo lenaneong la Ipelegeng ba felele ba ya go batla ditiro kwa dipolaseng mme morago ba fuduge le bana ba bone, ba ba ntsha mo dikoleng.Rre Madumane a re seo, se itsa bana go ka ithuta sentle le mororo puso e lopa gore motho mongwe le mongwe a bo a rutegile ka ngwaga wa 2016.
Le fa go ntse jalo, Rre Madumane o kopile batsadi go emisa go ntsha bana mo sekoleng ka jaana thuto e le botlhokwa fela thata mo matshelong a bone.
A re ke ka moo mokhanselara wa motse a kopileng gore go agiwe bonno jwa bana kwa sekoleng gore batsadi ba ba yang go bereka kwa dipolaseng ba tsamaye ba le nosi mme bana ba kgona go tsweledisa dithuto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : GROOTLAAGTE
Event : Potsolotso
Date : 02 Sep 2014