Tsayang boikarelo jwa tikologo
02 Sep 2014
Ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go bona gore tikologo e a tshelang mo go yone e nna e le phepa ka nako tsotlhe.
Fa a bua mo moletlong wa go ipelela bophepa kwa motseng wa Ditshegwane bosheng, Kgosi Puso Gaborone o boletse fa matlakala a a mo tikologong a le botlhokwa ka a ka dirisiwa gape go a fetolela mo dingweng tse motho a ka itshetsang ka tsone jaaka dipampiri di kgonwa go dubiwa gape go dira mekgabisa, dithaere tsa dikoloi di dira ditilo, mabotlele a dinotsididi a kgona go fetolwa go dira dikopi gareng ga tse dingwe.
O tsweletse a itsise batsena moletlo oo gore tiriso botlhaswa ya tikologo e motho a nnang mo go yone e ka nyeletsa kana ya kgoreletsa dilo dingwe.
A re fa go tshubiwa matlakala mosi o ka kgona go nna le seabe mo go thuthafaleng ga lefaufau jaaka baitseanape ba tlhalosa.
A re tikologo ga se fa motho a nnang teng fela, e akaretsa ditlhare, metsi le mmu ka jalo tsotlhe di tlhokana le tlhokomelo go sa nneng jalo di ka fela mme botshelo bo nne thata.
O tsweletse a gwetlha batsena moletlo go dirisa matlakala gape gonne go dira jalo go fokotsa leswe mo tikologong.
O ba gwetlhile gore ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong go ya go tsaya matlakala kwa mahuting a a latlhelwang teng.
Kgosi Gaborone o akgotse lenaneo la go sela matlakala ka dikolotsana tsa ditonki tse di thapilweng ke khansele ka le lone le thusa go fokotsa ditshenyegelo tsa khansele.
O akgotse gape motse wa Ditshegwane go bo o itsege e le mengwe ya metsana e e phepa.
Kgosi o tsweletse o galaleditse ba ba amogetseng dietsele go tswelela ba tshwara ka natla mme a gakolola ba ba sa kgonang go ithuta mo go ba bangwe gore le bone ba kgone go gapa dietsele nako e e tlang.
Seetsele sa metse e mennye e e phepa se gapilwe ke motsana wa Mantshwabisi, mo metseng e e fa gare sa ya kwa motseng wa Sesung, fa sa metse e metona se tserwe ke Kopong.
Khansele potlana ya Letlhakeng yone e ikgapetse maemo a ntlha mo dikhanseleng potlana tse di phepa.
Ba ba neng ba dirisa matlakala kana go a fetola go itshetsa le bone ba ne ba ikgapela dietsele.
Mokete o ne o tshwerwe ka moono wa “Bonno jwa rona, lefelo la rona, maikarabelo a rona’ BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Moletlo wa go ipelela bophepa
Date : 02 Sep 2014