Ratoropo o kgothatsa makhanselara
02 Sep 2014
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Tebogo Matlhogonolo, o akgoletse makhanselara a toropo eo go bo ba sa ipona tsapa go direla lefatshe la Botswana ka botswapelo le bonatla bogolo jang ka ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho.
Fa a bua mo phuthegong go laela makhanselara bosheng, Rre Matlhogonolo o tlhalositse gore mo ngwageng tse tlhano tse ba di ntseng mmogo ba kgonne go dira ditiro dingwe tse ba neng ba itlamileng go di dira ka ba ne ba ikiteile sehuba go emela dikeletso tsa banni ba toropo eo.
O kopile makhanselara go rotloetsa banni go ya go tlhopha ka bontsi ka e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe. Le ntswa go ntse jalo, o tlhalositse gore ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo, khansele ga e a kgona go dira ditiro dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa.
O tlhalositse fa lekalana le le ikemetseng la SPEDU le tsweletse ka go kabakanya itsholelo le go dira ditshekatsheko ka go tlhabolola tsa bojanala le matshelo a batho.
O tsweletse a tlhalosa gore ba moepo wa BCL le bone ba tsentse letsogo go bona gore bokamoso jwa mokoti oo ga bo ye bokhutlong ka go tla ka megopolo e tshwana le ya POLARIS 11.
E rile a ama tsa thuto, Rre Matlhogonolo a tlhalosa gore ba dirile go le gontsi go isa ditlamelo tse di neng di tlhokafala kwa dikoleng tse di potlana di le lesome le bongwe gammogo le go thapa baphepafatsi.
A re ba dirile go bonala mo go tlhabololeng matshelo a batho ka lenaneo la nyeletso lehuma ka jaana ba ne ba tshwara pitso ya nyeletso lehuma kwa motseng wa Damochojenaa kwa batho ba le 45 go tswa mo toropong eo ba kgonneng go bona dithuso.
O tlhalositse gore ba tsweletse ka go isa ditlamelo tse di neng di saletse kwa morago kwa go ba ba tshwanetseng.
Rre Matlhogonolo o tlhalositse gore ba kgonne go wetsa ditiro tse di neng di saletse kwa morago ka lenaneo la Ipelegeng.
O tsweletse a re toropo ya bone e abetswe seetsele sa khansele e e dirileng go utlwala mo go tsa botsogo.
A re ba tshwanetse go nna motlotlo ka sepatela se se tona sa Selibe Phikwe se ka fa tlase ga lekala la Council of Health Services Accreditation of Southern Africa, COHSASA.
O kgothaditse makhanselara a Selibe Phikwe go tswelela ba direla toropo eo ka bokgabane le botswapelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 02 Sep 2014