Breaking News

Diphiri di apesa barui kobo ka letshoba

02 Sep 2014

Banni ba Topisi ba apesitswe kobo ka letshoba ke dinkwe le diphiri tse ba reng di ja leruo la bone di bo di kgaole dikgomo tse ditona megatla mo merakeng e e dikologileng motse oo.

Mo phuthegong e buisiwa ke ba diphologolo go tswa Serowe, banni ba boletse fa diphiri tseo di sa ba robatse  ka di tlhasela leruo motshegare kwa mafudisong.

Mogolwane go tswa kwa Serowe, Mme Baakanyang Botumile, o boletse fa diphologolo di na le seabe se se tona mo itsholelong ya lefatshe leno ka jalo di tlhoka gore mongwe le mongwe a di babalele.

O supile fa go lemosegile gore go nnile le kwelotlase ya diphologolo, mme seo sa dira gore puso e tseye tshwetso ya go emisa letsomo mono ngwaga go di fa sebaka sa gore di ate ka ele bontlha bongwe ja matlotlo a tlholego.

Mme Botumile o supile fa teseletso e e teng ele ya dinonyane fela e e simologileng mono ngwaga ka Moranang mme e tla a wela kgwedi eno e ya bokhutlong. 

A re   boradipolase bone ba letlelelwa go tsoma mo teng ga dipolase tsa bone ka teseletso e ba e neetsweng ke ba lephata la diphologolo.

O kopile morafe go ithuta go tshela le diphologolo tsa naga, le fa dingwe di le borai mo matshelong a bone. 

O tsweletse a re go phimolwa balemi barui keledi fa ba senyeditswe ke diphologolo di akaretsa tau, nkwe, tlou, letlotse, lengau, kubu le tshukudu .

E rile ba akgela, balemi barui ba bolela fa ba le mo kgaolong e go nang le nkwe le phiri mme e bile di dira go rata le kgona ka leruo la bone. 

Ba kopile gore diphiri di fudisediwe kwa mafelong a bojanala ka bone ga bana mafelo a go nna jalo.

Rre Boki Roads wa meraka ya Sesweu o boletse gore ga ba itse gore ba dire eng ka leruo la bone. 

Rre Poloko Kgosiemang ene o boletse gore ntlole le noko le tsone di dira go rata le kgona mo masimong fa ba lemile. 

Rre Seboloko Kgokgothwane a re puso e tshwanetse go ba phimola keledi  mo tshenyong ya diphologotswana tse dinnye mme e bile a re  le  motho o tshwanetse a phimolwe keledi fa a gobaditswe kana a bolailwe ke phologolo ya naga.  Banni bangwe ba kopile gore  ba letlelelwe go di thaisa gore ba di fokotse.

Rre Letso Tiragalo yo o gobaditsweng ke nkwe, o supile fa e mo koafaditse mme go sena sepe se puso e mo thusang ka sone. 

Banni ba kopile gore mo dikgannyeng tsa mofuta o, fela jaaka Motor Vehicle Accident Funds ene ya simolodisa letlole la go thusa ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela, go dirwe jalo  ka madi a a duelwang ke bajanala, gore ere mo mathateng a a tshwanang le a, motho a phimolwe keledi .

Ba  tsweletse ba re motho o ka thusiwa ka kalafi fa a gobetse, mme fa a bolailwe ke phologolo, ba losika ba ka thusiwa ka dithebenyana go mmoloka ka seelo se puso e tla a se bayang,        

E ne e rile go le pele,  kgosi ya Topisi, Rre Kgomotso Boiditswe a bolela fa a tshwenngwa ke tshenyo ya diphiri le nkwe mo merakeng ya bone mme a re  ba diphologolo ba tshwanetse go tsenya leitlho dikgang tse le go tla ka tharabololo ya ka fa ba ka thusang balemi barui ka teng. 

O tlhalositse gore go ka batliwa mmaraka o diphiri di ka rekisiwang teng gore di fokodiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 02 Sep 2014