Ngwao pinagare
02 Sep 2014
E rile ka mafelo a beke morafe wa Balete wa bo o omogetse kwa kgotleng kgolo ya ga Malete go amogela mophato wa Madisamotse o o saleng o ya go rupa kgwedi ya Phatwe e palama, mme wa aloga fa e fela.
E rile a ba a ema ka lefoko, Kgosi Mosadi Seboko a tlhalosa fa mophato wa Madisamotse o neetswe boikarabelo jo bo tona jwa go fokotsa borukutlhi mo kgaolong ya ga Malete, ba thusana le Matsosangwao le mapodisi.
Mophato wa Madisamotse ke wa boraro go aloga kwa ga Malete fa e sale ba simolola go tsolosa dikole tsa Setswana tsa bogwera le bojale ka ngwaga wa 2012. Kgosi o rotloeditse magosi go aga morafe ka mephato gore e tle e thuse go fokotsa borukutlhi.
O tlhalositse fa motho yo o agegileng a tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ipabalela mo malwetseng, go itlotla, go tlotla ba bangwe le gone go kgweetsa sentle.
Sebui sa tlotla Kgosi Thabo Maruje III go tswa Masunga, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o ne a tlhalosa fa ngwao e le konokono mo lebopong la motho.
Maruje o tlhalositse fa lefatshe leno le nnile le puso ya batho ka batho le thitibalo, mme sengwe se se neng se rotloetsa se, e ne e le gone go aga motho ka sekole sa Setswana.
O boletse fa e rile ka ngwaga wa 2008 tautona wa lefatshe leno a ne a fa ba ntlo ya dikgosi tiro ya go tsaya megopolo mo Batswaneng gore ba ka busetsa jang ngwao le gone gore ba ka e dira ka tsela e e ntseng jang.Kgosi Maruje III o boletse fa Batswana ba ne ba bona fa go le botlhokwa go boela maropeng, ka jaana goora motho go le thebephatshwa.
O tlhalositse fa mophato o neetswe boikarabelo jo bo tona jwa go tlhokomela motse, mme a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba tshegetse maina a batsadi ba bone sentle le gone go godisa leina la motse wa bone.
Mo go tse dingwe, Kgosi o tlhalositse fa a tshwenngwa ke go ipolaya ga banana, le bao ba ba amegang mo borukutlhing, malwapa a a thubegang le bao ba ba tlogelang magae ba fudugela kwa ditoropong.
O kopile banana go tlhalosetsa batsadi ba bone ka dikgwetlho tse ba nang natso, le go tswa ka tharabololo. Fa atswelela, kgosi o tlhalositse fa ngwao e na le seabe se se segolo mo bojanaleng e bile e na le seabe le mo itsholelong ya lefatshe leno.
Rre Matshidiso Fologang o ne a tlhalosa fa morafe wa Balete o humile ditso tse di simololang ka dingwaga tsa bo 1735, fa go ne go busa Kgosi Mokgwe, mme a tlhalosa fa ba ne ba tswa kwa Transvaal kwa lefatsheng la Aferika Borwa, go fitlha ka ngwaga tsa bo 1886 fa ba ne ba busiwa ke Kgosi Mokgosi wa ntlha, fa ba tla a felela ba lwa le Bakwena le Bangwaketse mo lefatsheng leno, go fitlhela ba tla go thibelela mo kgaolong ya gaMalete. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Moletlo wa go amogela mophato
Date : 02 Sep 2014