Banni ba itlama go aga ofisi
02 Sep 2014
Banni ba kgotlana ya Tegwi kwa motseng wa Ramokgwebana ba itlamile go aga ofisi e kgosana wa bone wa tetlanyo a tla direlang mo go yone.
Se, se builwe ke mongwe wa bagolo ba kgotlana eo Rre Menton Tshware ka Matlhatso, kwa moletlong wa go amogela Rre Mbatshi Peters mo maemong a go nna kgosana ya tetlanyo ya kgotlana eo.
Rre Tshware o ne a tlhalosetsa batsena tiro eo fa maikaelelo a bone e le gore ba bo ba agile ofisi eo, e e tlaabong e na le motlobo wa dibuka, pele ga dingwaga tse pedi di wela.
A re ba ne ba tsaya tshwetso e morago ga go lemoga fa diemo tse dikogosana tsa tetlanyo di berekelang mo go tsone di sa jese diwelang le ntswa ba dira tiro e e masisi e bile e le botlhokwa mo setshabeng.
Rre Tshware o ne a bolela fa kgato e gape e le tsela nngwe e ba ikaelelang ka yone go busetsa seriti le serodumo sa bogosi.Fa a tswa la gagwe, Kgosi Simon Nkgageng,wa motse wa Tati Siding, o ne a nesetsa pula mogopolo oo wa go aga ofisi mo kgotlaneng eo.
A re tiro eo, e e tla bong e le ya ntlha mo lefatsheng leno, e tla tlotlomatsa morafe wa kgotlana eo e bo e fetole le ka fa batho ba lebang dikgosana ka teng.
Kgosi Nkgageng o ne a boa a galaletsa banni ba kgotlana eo go bo ba ne ba bona go tshwanela go amogela kgosana ya bone mo tirong ka boitumelo jo bogolo.
O ne a supa fa se e le sesupo sa tlotla e kgolo e morafe wa kgotlana ya Tegwi o nang le yone mo kgosaneng ya bone. E rile a ema Kgosana Peters ka lefoko, Kgosi Godfrey English, wa motse wa Kgari, a mo gakolola fa leina le lentle le itirelwa e bile le le tlhwatlhwa kgolo go gaisa dikhumo.
O ne a boa a mo gakolola go laola metsamao ya gagwe, a re go ka nna thona gore banni ba kgotlana eo ba seka ba itse kwa ba ka mmonang teng fa ba mo tlhoka. Fa a itebaganya le morafe wa kgotlana eo, Kgosi English o ne a ba gwetlha go ema nokeng Kgosana Peters go tlhomamisa gore o dira tiro ya gagwe sentle, ntle le kgoreletsego epe.
O ne a kgala mekgwa ya bangwe ya go gotlhagotlhana le dikgosi, a bolela fa batho ba ba ratang go dira jalo e le ba gantsi ba fitlhileng mo dipelong tsa bone dikeletso tsa go ipona e le bone ba leng mo setilong sa bogosi.Kgosana Sapren Tagwa go tswa kwa motseng wa Mapoka, ene o ne gakolola molekane wa gagwe kgatlhanong le go tlhotlhoma le malwapa a sukunyolola dikgang.
A re o tshwanetse a lemoga fa go dira jalo go ka mo paledisa go tsaya ditshwetso tse di maleba fa jaanong dikgang di setse di gorogile kwa kgotleng ya gagwe.
Rre Tagwa o ne gape a tlhagisa Kgosana Peters fa go na le mafelo mangwe a motho wa seemo sa gagwe mo setshabeng a sa tshwanelwang go bonwa teng.
A re kgosi ga a tshwanelwa go bonwa a boaboa kwa mafelong a tshwana le marekisetso a bojalwa ka seo se ka mo diga seriti mme se ame thata ka fa a dirang tiro ya gagwe ka teng.
Morafe wa kgotlana eo o ne wa tlhopha Rre Peters go nna kgosana wa kgotlana eo morago ga loso la ga rraagwe e leng Rre Peters Pamani, yo o tlhokafetseng ngogola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Moletlo
Date : 02 Sep 2014