Kgosi o akgoa balemi barui
02 Sep 2014
Balemi barui ba masimo a Masokwe mo kgaolong potlana ya Moshupa, ba akgoletswe mowa wa boipelego o ba o supileng ka go aga ntlo ya mabeelo a dipeo ka boithaopo.
Fa a bula ntlo eo semmuso, Kgosi Boitshwarelo Difemo wa Lotlhakane West o boletse gore go itumedisa bogosi le puso gore batho ba bo ba santse ba kgona go ithaopa go direla setshaba.
Kgosi Difemo o tlhalositse fa ntlo eo, e tla a ba tswela mosola gonne ga ba na go e dirisetsa go baya peo fela mme maphata a mangwe e kare mo isagong ba tla go e dirisa go ba abela ditirelo tse di farologaneng.
A re ntlo eo le kgotla ya yone, di tla a dira gore morafe wa Masokwe o nne le fa ba ka kopanela teng go itshekatsheka. O tsweletse a re maiteko a bone ke thuto mo setshabeng ka kakaretso ka jaana boithaopo, neelano le tshwaragano mo mafelong mangwe ga di sa tlhole di bonala.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Rasiti Senokwane a tlhalosa fa boithaopo mo kgaolong eo bo sa simologe mo nakong eno, ka ba sale ba simolotse pele ka ntlo ya mmu ka jaana gone gole kgakala mo go bone go tsaya dipeo kwa Ralekgetho.
A re ba ne ba koleka P 350 lelwapa lengwe le lengwe go aga ntlo eo mme a lebogela gore balemi-barui ba kgaolo eo ba ne ba sa kgaramediwe.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tuelo Lekgoa le ene o supile fa e se la ntlha ba dira tiro ya boithaopo.
A re ba simolotse pele ba aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso. O tsweletse a tlhalosa fa ba ne ba kgona go kgobokanya P 18 000 mme ba kopa Ipelegeng go ba thusa go rulela le go penta ntlo eo. Mme Lekgoa a re fa ba ka tswelele ka mowa oo, ba tla a kgona tse dintsi.
Kgosi Kgomotso Selotlego wa Ralekgetho le ene o akgoletse balemi-barui bao mowa go direla. A re o a kgothala le ene gore e kare mo isagong a kopa puso go ba tsisetsa ditlhabololo tse dingwe ele go ba rotloetsa.
E re dikgang di eme jalo, mokhanselara wa Gasegogwane, Rre Fithi Keeletlile o gakolotse balemi-barui gore ba seka ba tswala ditsela tsa masimo fa ba dira ditlhabololo gonne go dira jalo go bakela khansele bothata ka nako ya go dirwa ditsela ka jaana bangwe ba felela ba tshwanelwa ke go phimolwa keledi mme go turela puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Topo Monnakgotla
Location : KANYE
Event : Pulo semmuso ya ntlo
Date : 02 Sep 2014